Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Buka e Ntšha ya go Ithuta Baebele

Buka e Ntšha ya go Ithuta Baebele

APRIL 1, 2022

 Ka January 2021, Setlhopha se se Laolang se ne sa golola buka e ntšha ya go ithuta le batho ya setlhogo se se reng Itumelele go Tshelela Ruri! a O ile wa ikutlwa jang ka seo? Matthew, yo o nnang kwa Canada a re: “Ke ne ke itumetse! Ke ile ka itumela le go feta fa ke reeditse dibidio le dipuo tse di tlhalosang gore goreng buka eno e dirilwe le gore batho ikutlwa jang ka yone. Ke ne ke lebile pele go e bona le go e dirisa.”

 Buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! e tlile ka tsela e ntšha ya go ruta batho Baebele. Mme gone, seo ga se sone fela se se e farologanyang le dibuka tse re ntseng re di dirisa go ruta batho. Fa e le gore o dirisa buka e e printilweng ya Itumelele go Tshelela Ruri!, o ka tswa o lemogile gore fa o e tshwara e farologane le dibuka tse dingwe. Gore re tlhaloganye lebaka la seo, a re utlwe gore buka eno e dirilwe jang.

Buka e Ntšha E e Sa Tshwaneng le Tse Dingwe

 Go dirisitswe pampiri e e kimanyana. Goreng seno se ne se tlhokega? Buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! e na le ditshwantsho tse di mebalabala di feta 600. Ditshwantsho tseo di feta tse di neng di le mo bukeng ya E re Ruta Eng? ka makgetlo a a fetang a le lesome. Tsebe nngwe le nngwe ya buka eno e na le mokwalo le ditshwantsho gape go na le mo o ka kwalelang teng. Fa go dirisitswe pampiri e tshesane ditshwantsho di a bonala mo tsebeng e e latelang le fa di sa bonale thata. E le go thibela seno, bakaulengwe ba ba berekang mo Lefapheng la go Printa la Lefatshe Lotlhe (IPD) la kwa Wallkill, New York kwa U.S.A, ba ne ba swetsa ka gore ba lekeletse go e printa mo mefuteng e le mene ya dipampiri tse ba nang le tsone. Komiti ya Bokwadi ya Setlhopha se se Laolang e ne ya tlhopha pampiri e e sa bonaletseng thata. Le fa pampiri eno e tura thata go gaisa dipampiri tse re ntseng re di dirisa mo dikgatisong tse dingwe, e dira gore baithuti ba Baebele ba se ka ba itewa tsebe ke ditshwantsho tse di mo ditsebeng tse di fetileng.

Tsebe e e kafa mojeng e bontsha gore go dirisitswe pampiri e e ntseng jang go printa buka ya Itumelele go Tshelela Ruri!

 Khabara ya buka eno ga e tshwane le tse dingwe. Buka eno e farologane ka gonne khabara ya yone e tsentswe laminate e e farologaneng le ya dibuka tse dingwe. Mo bukeng eno go tsentswe laminate e e bidiwang matte finish ga go a dirisiwa gloss laminate ka gonne e dira gore ditshwantsho di bonale sentle. Laminate eno e dira gore buka e se ka ya senyega ka bonako fa e dirisiwa. Le fa go ntse jalo, matte laminate e tura go gaisa gloss laminate. Ka jalo, makala a ile a ikopanya gore a kgone go reka matte laminate e e sa tureng thata.

Go tsenngwa laminate mo dikhabareng tsa yone

 Goreng go dirisitswe dilo tseno tse di turang? Mokaulengwe mongwe yo o berekang mo lefapheng la IPD a re: “Re batla gore batho ba ba tlileng go dirisa buka eno thata ba itumelele go e dirisa le gore e se ka ya senyega ka bonako.” Eduardo, yo o berekang mo Lefapheng la go Printa kwa Brazil a re: “Re itumelela go bona kafa phuthego ya ga Jehofa e dirisitseng dilo tse di sa senyegeng ka bonako go dira buka eno, tse di tla dirang gore re itumelele go e dirisa mme ba dirisa meneelo sentle.”

Go Printa ka Nako ya COVID-19

 Re simolotse go printa Itumelele go Tshelela Ruri! ka March 2021. Go ne go se motlhofo ka gonne e ne e le ka nako ya bolwetse jwa COVID-19. E re ka go ne go le lockdown, lefapha la go printa le ne le sa kgone go dirisa bakaulengwe ba ba neng ba tle ba ye go thusa kwa Bethele kgotsa go kopa bakaulengwe ba basha gore ba ye go direla kwa Bethele. E re ka go ne go se na batho ba ba lekaneng, seo se ne sa dira gore mafapha mangwe a go printa a tswalwe. Mme a mangwe a ne a tswalwa ka gonne puso e ne e sa letle gore batho ba le bantsi ba berekele mo lefelong le le lengwe.

 Ke eng se se neng sa dirwa? Ka nako ya fa lefapha la go printa le ne le letleletswe go bereka, go ne ga kopiwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba direlang kwa mafapheng a a farologaneng kwa Bethele, gore ba tle go thusa. Joel yo o direlang mo lefapheng la IPD a re: “E re ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba itumelela go ithuta go dira dilo tse disha, go intsha setlhabelo ga bone go ne ga re thusa go dira dilo di le dintsi.”

 Le fa go ne go se motlhofo, re kgonne go printa dikgatiso di le dintsi tsa Itumelele go Tshelela Ruri! Re ne re tlhoka dilo di le dintsi gore re kgone go di printa. Re ne re tlhoka di-printing plates, laminate film, dipampiri, enke le tse dingwe. Mo dikgweding di le tlhano tse re printileng ka tsone, re dirisitse madi a a fetang R39 000 000 go reka dilo tse di neng di tlhokega. Gore re kgone go dirisa meneelo sentle re printile fela dibuka tse di lekaneng diphuthego.

“E Tseetswe Matsapa Tota”

 Barutisi le batho ba ba ithutang Baebele ba ikutlwa jang ka yone? Mokaulengwe Paul yo o nnang kwa Australia a re: “Itumelele go Tshelela Ruri! e monate thata jaana mo ke itumelelang go tshwara dithuto tsa Baebele ka yone. Buka eno e dirilwe ka tsela e e kgatlhang. E diretswe go go thusa go tlotla le motho yo o ithutang le ene. Tshedimosetso e e mo go yone ga go thata go e tlhaloganya. E na le dipotso tse di fatang maikutlo, dibidio, ditshwantsho, ditšhate le mekgele e moithuti a ka berekelang mo go yone. Buka eno e tseetswe matsapa tota, e nthusa go tokafatsa tsela e ke rutang ka yone.”

 Moithuti mongwe yo o nnang kwa United States a re: “Ke rata buka eno thata. Ditshwantsho tse di mo go yone di nthusa go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa. Dibidio tsone di mphitlhelela pelo e bile di nkgothaletsa go dirisa se ke se ithutang.” Moithuti yono o ithuta gabedi mo bekeng e bile o nna gone kwa dipokanong ka metlha.

 Itumelele go Tshelela Ruri! e santse e tlile go printiwa ka dipuo tse dingwe. Tota e bile Setlhopha se se Laolang se dumetse gore e printiwe ka dipuo di le 710. Palo eno e akaretsa dipuo di le 340 tse buka ya E re Ruta Eng! e neng e sa printiwa ka tsone.

 Re tsaya kae madi a go printa dibuka tseno? Mo meneelong e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe, e bontsi jwa yone e ntshiwang go dirisiwa donate.pr418.com. Re lebogela meneelo eno e lo e ntshang ka go rata, e e re thusang go dira dikgatiso tse di thusang batho ba ba batlang go ithuta ka Jehofa le ba ba batlang “go tshela ka bosakhutleng.”—Pesalema 22:26.

a E ne ya gololwa mo JW Broadcasting mo pokanong ya ngwaga le ngwaga.