Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Dikgang Tse di Agang

Dikgang Tse di Agang

DECEMBER 1, 2021

 Basupi ba ga Jehofa ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone fela thata. (1 Petere 2:17) Bontsi jwa rona re ikutlwa fela jaaka kgaitsadi mongwe wa kwa Kenya yo leina la gagwe e leng Tannis. A re: “Ke rata go itse gore go diragala eng ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo lefatsheng lotlhe.” Ke eng se se thusang Tannis le Basupi ba bangwe go itse gore go diragala eng? Re kgona go itse gore go diragala eng mo lefatsheng lotlhe ka go bala karolo ya Dikgang mo websaeteng ya rona ya jw.org. Karolo eno e sa le e nna gone go simologa ka 2013.

 Karolo eno ya Dikgang e bua ka Basupi ba ga Jehofa, ka Dibaebele tse di golotsweng, tiro ya namolo, diporojeke tsa go aga le ka ditiragalo tse dingwe tsa botlhokwa. E re bolelela ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone. Gape karolo eno e re bolelela ka dilo tse di kgothatsang tse di diragetseng mo letsholong la go rera le kwa Segopotsong. Ke mang yo o dirang dipatlisiso ka dikgang tseno e bile di rulaganngwa jang?

Dikgang di Begwa Jang?

 Karolo eno ya dikgang e tlhokomelwa ke Ofisi ya Tshedimosetso. Ofisi eno e kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe mme e kaelwa ke Komiti ya Barulaganyi ya Setlhopha se se Laolang. Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba feta 100 ba ba direlang mo ofising eno mme bontsi jwa bone ba direla ba le kwantle ga Bethele. Go na le bakwadi, babatlisisi, baranodi, ba ba tshwantshang le ba ba tsayang dinepe. Ba bangwe ba buisana le balaodi, diporofesa le babegadikgang. Ofisi eno ya tshedimosetso e dirisana le diofisi tse dingwe di feta 80 tse di mo makaleng a a farologaneng mo lefatsheng lotlhe.

 Fa go begwa dikgang, Ofisi ya Tshedimosetso e dirisana le diofisi tse dingwe tse di mo makaleng a mangwe. Fa bakaulengwe ba akanya gore batho ba ka itumelela go bala dikgang tse di rileng, ba dira dipatlisiso tse di oketsegileng. Ka dinako tse dingwe ba botsolotsa batho kgotsa ba bua le bomankge. Fa ba sena go dira dipatlisiso, pego eo e a kwalwa, e a balwa e bo e tsenngwa ditshwantsho, mme go tswa foo e bo e romelelwa Komiti ya Barulaganyi gore ba e lebelele.

Ditebogo

 Basupi ba bangwe ba ikutlwa jang ka karolo eno ya Dikgang? Kgaitsadi mongwe wa kwa Philippines yo o bidiwang Cheryl, a re: “Ke rata go simolola letsatsi la me ka go bala dikgang ka Basupi ba ga Jehofa le ka batho ba gagwe.”

 Batho ba le bantsi ba re ba bone pharologanyo magareng ga Dikgang tse di mo jw.org le dikgang tse dingwe fela. Tatiana yo o nnang kwa Kazakhstan, a re: “Ke lebogela go bo ke kgona go tshepa dikgang tse di mo jw.org. Di bega dilo jaaka di ntse e bile ga di tseye letlhakore.” Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Mexico yo o bidiwang Alma a re: “Dikgang tse di begwang mo karolong eno di a kgothatsa, ga di tshwane le dikgang tse di bosula tse re tlholang re di utlwa mo dikgannyeng.”

 Gape Dikgang tse di mo jw.org di nonotsha tumelo. Bernard yo o nnang kwa Kenya, a re: “Dikgang tse di mo jw.org di nthusa go tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng jaaka lelapa. Ke kgona go ba rapelela ke dirisa maina a bone ka gonne ke itse seemo se ba leng mo go sone. Kgaitsadi mongwe yo le ene a nnang kwa Kenya yo o bidiwang Bybron, a re: “Ke a itumela fa ke bona setlhogo sengwe se se buang ka Baebele e e golotsweng ka puo e nngwe! Ditlhogo tseno di nkgopotsa gore Jehofa ga a na tlhaolele.”

Dikgang tse di mo jw.org di re thusa go itse gore re rapelele eng fa re rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo lefatsheng lotlhe

 Tota le fa go begwa ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba bogisiwang, dikgang tseno di a re kgothatsa. Jackline yo o nnang kwa Kenya, a re: “Go ithuta kafa ba leng pelokgale ka gone, go nonotshitse tumelo ya me. Ke nna ke batla go itse gore ke eng se se ba thusitseng gore ba itshoke. Ke ithutile kafa dilo tse batho ba di tsayang e se tsa sepe tse di jaaka go rapela, go bala Baebele tota le go opela di thusitseng bakaulengwe ba rona ka gone gore ba nne ba nonofile.”

 Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Costa Rica yo o bidiwang Beatriz o lebogela go bo dikgang di bega ka masetlapelo a tlholego. A re: “Dikgang tse di mo jw.org di nthusa go bona gore phuthego ya rona e tlhokomela bakaulengwe jang ka dilo tse ba di tlhokang e bile ba dira jalo ka bonako le ka tsela e e lorato. Seno se mpontsha gore ruri phuthego eno ke ya ga Jehofa.”

 Re itumelela go bo re kgona go nna le dikgang tsa bosheng tse di buang ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo lefatsheng lotlhe. Dikgang tseno di kgona go nna gone ka ntlha ya meneelo e lo ntshetsang tiro ya lefatshe lotlhe. Bontsi jwa meneelo eno lo e ntsha lo dirisa donate.pr418.com. Re lebogela meneelo eno e lo e ntshang ka bopelotshweu.