Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Diofisi Tsa Thanolo di Thusa Batho ba le Bantsi

Diofisi Tsa Thanolo di Thusa Batho ba le Bantsi

MARCH 1, 2021

 Diperesente di feta 60 tsa baranodi ba bereka kwa diofising tsa thanolo (RTO). Goreng go dirilwe thulaganyo eno? Ke dilo dife tse baranodi ba di tlhokang gore ba kgone go bereka sentle kwa diofising tsa thanolo? Lefelo le ofisi ya thanolo e leng kwa go lone le ama jang tsela e baranodi ba ranolang ka yone?

 Ofisi ya thanolo e dira gore baranodi ba kgone go nna kwa lefelong la puo e ba ranolelang mo go yone. Karin ke moranodi wa Se-Low German, a re: “Fa e sa le RTO e fudugela kwa Cuauhtémoc, Chihuahua kwa Mexico, re nna re bua Se-Low German le baranodi ba bangwe, fa re le kwa bodireding le fa re le kwa dishopong. Mo lefelong leno go tletse batho ba ba buang puo ya rona. Re nna re utlwa ba dirisa manatetshapuo a re nang le nako e telele re sa a utlwe, e bile seno se dirile gore go nne motlhofo go dirisa puo e batho ba e buang letsatsi le letsatsi.”

 James yo o nnang kwa Ghana e bile a direla mo ofising ya thanolo ya Se-Frafra a re, ka dinako dingwe o tlhologelelwa go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Bethele. Gape a re: “Ke rata go direla kwa RTO. Go rera ka puo eno go dira gore ke itumele thata ka gonne ke kgona go bona fa batho ba tlhaloganya dikgang tse di molemo.”

 Bakaulengwe ba dira jang tshwetso ya gore RTO e tla nna kae? Joseph yo o direlang mo Lefapheng la Lefatshe Lotlhe la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga kwa New York, U.S.A, a re: “Kgwetlho e re kopanang le yone ke gore kwa mafelong mangwe go na le motlakase mme ga o nne o le teng ka dinako tsotlhe. Batho ba koo ba sokola ka metsi, Internet e bokoa, e bile seo se dira gore go nne thata gore baranodi ba amogele tiro e ba tlhokang go bereka ka yone. Re tlhopha mafelo a le mmalwa a puo eo e buiwang mo go one.”

 Boammaaruri ke gore go motlhofo gore RTO e nne kwa Holong ya Dikopano, kwa Holong ya Bogosi, kgotsa kwa ntlong ya barongwa mme baranodi bo ba nna ba ya teng fa ba tlhoka go bereka. Fa go se na lefelo lepe le ba ka le dirisang, bakaulengwe ba ka newa tetla ya gore ba reke ntlo kgotsa diofisi dingwe tse baranodi ba tla nnang mo go tsone ba bo ba berekela mo go tsone. Fa go ka nna le diphetogo, mafelo ao a ka kgona go rekisiwa mme madi ao a bo a dirisediwa sengwe se se botlhokwa.

Dilo Tse Baranodi ba di Tlhokang

 Ka ngwaga wa tirelo wa 2020 go dirisitswe R195 021 450.00 mo diofising tsa thanolo tsotlhe. Baranodi ba tlhoka dikhomputara, di-software, dilo tse ba tla di dirisetsang go rekota, Internet le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang tse di jaaka motlakase le metsi. Gore moranodi a le mongwe a nne le khomputara le dilo tse dingwe tsa go bereka go dirisiwa madi a a kana ka R11 251.24. Dikhomputara tseno di tsenya di-software tse baranodi ba di tlhokang gore ba kgone go bereka, le program ya Watchtower Translation System, e e ba thusang go amogela tiro le go e rulaganya sentle.

 Baranodi ba newa dilo tse ba tla di dirisang fa ba rekota kwa diofising. Fa COVID-19 e simolola baranodi ba ne ba tsaya di dirisiwa tseno ba di dirisetsa go rekota dibidio le dikgatiso kwa malapeng a bone.

 Gantsi go nna go na le baithaopi ba ba tlang go utlwa gore a tsela e re ranotseng dikgatiso tsa rona ka yone e a utlwala, le ba ba thusang go tlhokomela RTO. Cirstin yo o direlang kwa RTO ya Afrikaans kwa Cape Town e e kwa Afrika Borwa a re: “Baboledi le babulatsela ba le bantsi ba itumelela go nna ba tla go direla kwano.”

 Ba itumelela go thusa. Kgaitsadi mongwe yo o direlang kwa RTO a re go direla koo go a mo itumedisa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa lefelong le RTO e leng kwa go lone le bone ba itumelela go thusa ka go rekota. Juana, yo o direlang kwa RTO ya Se-Totonac e e kwa Veracruz kwa Mexico, a re: “Ga re nne kgakala le toropo, ka jalo, go motlhofo gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tle go re thusa ka go rekota dibidio le dikgatiso.”

 Mme gone, a diofisi tsa thanolo di thusitse baranodi go ranola ka tsela e batho ba e tlhaloganyang? Babadi ba le bantsi ba re jalo. Cédric, yo o direlang kwa ofiseng ya thanolo ya Se-Kongo kwa Democratic Republic of Congo, a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba tlhola ba bitsa tsela e re ranolang dikgatiso tsa rona ka yone kwa Congo ba re ke ‘Se-Kongo sa Watch Tower,’ ka gonne di ne di sa ranolwe ka tsela e ba buang ka yone. Gone jaanong ba re dikgatiso tsa rona di ranotswe ka puo e e motlhofo e batho botlhe ba e dirisang letsatsi le letsatsi.”

 Andile yo o direlang kwa ofising ya thanolo ya Se-Xhosa kwa Afrika Borwa o ne a itemogela se se tshwanang. A re: “Batho ba le bantsi ba re ba lemogile gore tsela e re ranolang dikgatiso tsa rona ka yone e fetogile, tota le bana ba ba neng ba tlhola ba bala Tora ya Tebelo ka seesemane gone jaanong ba e bala ka Se-Xhosa. Ba rata thata le kafa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tlhabolotsweng e ranotsweng ka gone.

 Botlhe ba ba nnang kwa diofising tsa thanolo ba tlhokomelwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Go tlhokomela diofisi tsa thanolo le dilo tsotlhe tse di kwa go tsone go dirwa ka meneelo e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe, le ka meneelo e e ntshiwang go dirisiwa donate.pr418.com.