Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Dipina Tse di re Atametsang Gaufi le Modimo

Dipina Tse di re Atametsang Gaufi le Modimo

NOVEMBER 1, 2021

 Mmino ke mpho e ntle e e tswang kwa go Jehofa. O ka ama maikutlo le dikakanyo tsa rona o bo o re kgothatsa. Dipina tsa rona di dira sone seo. Tota e bile dipina tseno di kgona go re atametsa gaufi le Jehofa.

 Fa e sa le ka 2014, go setse go golotswe dipina di feta 70 mme di teng ka dipuo di feta 500! Gongwe o kile wa ipotsa go re: ‘Dipina tseno di dirwa jang le gore di dirwa ke bomang?’

Bakaulengwe ba Dira Dipina Tseno Jang?

 Dipina tsa rona di dirwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirang ka mmino mo Lefapheng la go Rekota. Lefapha leno le tlhokometswe ke Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang. Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 13 ba ba dirang ka dipina. Ba a di kwala, ba a di rulaganya ba bo ba dira ditiro tse dingwe tse di tlhokegang. Mo godimo ga moo, Komiti e e Rutang e dumetse gore go nne le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba thusang mo Bethele ba le kwa magaeng a bone kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Ba tlhama dipina le molodi wa tsone mme bangwe ba bone ke baopedi. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba itumelela go thusa mme ga ba batle go tlotlomadiwa le go galalediwa.

 Dipina tseno di dirwa jang? Komiti e e Rutang e dira tshwetso ya gore go tla dirisiwa temana efe fa go kwalwa pina nngwe le gore pina eo tshwanetse go dira gore bareetsi ba ikutlwe jang. Go tswa foo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirang ka mmino ba tla bo ba naya bakaulengwe dikabelo tsa bone tsa go dira molodi le go kwala mafoko a pina eo. Pina eo e bo e rekotiwa. Komiti e e Rutang e tla bo e reetsa se se rekotilweng e bo e ntsha dikakantsho. Morago ga moo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirang ka mmino ba tla bo ba baakanya pina eo ba bo ba e rekota gape. Dipina tseno di rekotelwa kwa mafelong a a farologaneng, kwa lekaleng kgotsa kwa magaeng a batho.

 Fa bakaulengwe ba kwala le go rekota dipina tsa rona, ba dirisa dithulaganyo tse di farologaneng tsa dikhomputara. Gape go tlhokega gore go dirisiwe didirisiwa tse di farologaneng tsa go dira mmino go akaretsa le dimaekerofouno. Maekerofouno o le mongwe o ka ja R1 570 go ya go R15 702. Ka 2020, re dirisitse R1 821 462 go reka didirisiwa tsa mmino.

 Ke eng se re se dirang gore re kgone go dirisa meneelo sentle? Go na le gore go nne le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba dirang mmino mo Bethele, go dirisiwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba thusang ba le kwa magaeng a bone. Gape fa go rekotiwa molodi wa pina go dirisiwa dikhomputara go na le gore go bidiwe okhestra gore e tle go rekotela molodi mo lefelong le le lengwe.

“Di Nonotsha Tumelo ya Me”

 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela go reetsa dipina tseno. Tara yo o nnang kwa Jeremane, a re: “Dipina tseno di dira gore ke ritibale fa ke tlhobaela. Fa ke di reeditse ka puo ya me ke kgona go lemoga gore Jehofa o a nthata.” Mokaulengwe Dmitry yo o nnang kwa Kazakhstan a re: “Ke rata go reetsa dipina tseno ka gonne ga di ka ke tsa nkgothaletsa go dira dilo tse di sa siamang. Mo godimo ga moo, di dira gore ke nne ke akantse ka Jehofa.”

 Delia yo o nnang kwa Afrika Borwa o tlhalosa kafa a ikutlwang ka gone ka dipina tseno, a re: “Di nonotsha tumelo ya me. Fa ke kgobegile marapo kgotsa ke le mo seemong se se thata go nna go na le pina e e ka nthusang. Gantsi fa ke utlwa molodi wa tsone ke a kgothala!”

 Ba bangwe ba na le tse ba di ratang thata. Lerato yo le ene a nnang kwa Afrika Borwa a re: “Pina ya ‘Just Around the Corner’ le ya ‘Lefatshe le Lesha’ di dira gore ke ipone ke le kwa lefatsheng le lesha, ke setse ke amogela mmê. Ka metlha fa ke di reetsa, ke mmona a tla a ntabogetse.”

 Mosha mongwe wa kwa Sri Lanka o ne a thusiwa ke pina nngwe. A re: “Morutabana yo o rutang saense o ne a nkgoba ka mafoko mo tlelaseng ka gonne ke le Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka tshoga, ke sa itse gore ke mo reye ke reng. Fa ke tswa sekolong, mama o ne a nkgothaletsa gore ke reetse pina ya ‘Study Makes You Strong.’ Pina eno e ne ya mpontsha gore ke tlhoka go dira dipatlisiso pele ke ya go bua le morutabana. Letsatsi le le latelang, ke ne ka ya go bua le ene. O ne a ntheetsa a bo a mpolelela gore jaanong o tlhaloganya se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang. Ke leboga phuthego ya ga Jehofa go bo e re neile dipina tseno tse di kgothatsang.”

 Re tsaya kae madi a a re thusang go dira dipina tseno? Mo meneelong e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe, e e ntshiwang go dirisiwa mekgwa e e farologaneng e e tlhalosiwang mo donate.pr418.com. Re a leboga ka meneelo e lo e ntshang ka bopelotshweu.