Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Dithulaganyo Tsa Rona Tsa Kopano

Dithulaganyo Tsa Rona Tsa Kopano

JULY 1, 2024

 Basupi ba ga Jehofa ba na le dingwaga di feta 130 ba kopana mmogo kwa dikopanong tsa ngwaga le ngwaga. Kwa dikopanong tseo, go neelwa dipuo di feta 40, go tshamekiwa mmino, dibidio gape go nna le dipotsolotso. Gore dilo tseno di kgone go tswela batho ba ba tlileng kopanong mosola, ba tlhoka go di bona le go di utlwa sentle. (Luke 2:20) Meneelo e dirisiwa jang go tshegetsa dithulaganyo tsa dikopano gore di kgone go tswela batho botlhe mosola go sa kgathelesege gore ba nna kae?

Dipikara le Dikirini Tse di Dirisiwang di Farologana Go ya Ka Mafelo a Kopano

 Kwa dinageng tse dingwe, go na le dipikara le dikirini kwa ditediamong le mafelo a mangwe a go kopanwang kwa go one. Ka jalo, goreng re tsenya didirisiwa tsa rona ka nako ya fa re dirisa mafelo ao? David yo o berekang mo Lefapheng la Broadcasting kwa Ntlokgolo a re: “Didirisiwa tsa mafelo mangwe a re a hirang di diretswe dithulaganyo tse mo go tsone go fetang diura di le dintsi batho ba bua. Ka sekai, kwa mafelong a go tshwarelwang metshameko kwa go one, go dirisiwa dipikara go dira dikitsiso tse dikhutshwane le go tshameka mmino go sekae. Mo dikirining tsa bone go tlhagisiwa di-score tsa motshameko, dipapatso le dibidio tse dikhutshwane tsa se se diragetseng mo motshamekong. Kwa dikopanong tsa rona gone go tshamekiwa dibidio tse ditelele mme re batla gore batho ba utlwe le go tlhaloganya thulaganyo yotlhe sentle.”

 Mafelo a dikopano ga a tshwane, ka jalo re dirisa didirisiwa tse di sa tshwaneng. Morago ga gore go tlhophiwe lefelo, Lefapha la Broadcasting la ofisi ya lekala le dira tshwetso ya gore batho ba ba tlang kopanong ba tla nna kae, go ya ka palo e e lebeletsweng le gore lefelo leo le kgona go tsaya batho ba le kae. Bakaulengwe ba dira tshwetso ya gore dipikara le dikirini di tla bewa kae, di tla tsenngwa jang le gore go tlhokega didirisiwa dife tse dingwe gore batho botlhe ba kgone go utlwa le go bona thulaganyo sentle.

Bakaulengwe ba Lefapha la Local Broadcasting (LBD) ba latela polane

 Go dirisiwa didirisiwa tse di raraaneng fa go tshwarwa dikopano tsa dipuo tse di farologaneng mo lefelong le le lengwe la kopano. Fa thulaganyo ya kopano e tlhoka go ranolelwa mo puong e nngwe, ba ba ranolang ba tlhoka go bona le go utlwa thulaganyo eo fa e ntse e tsweletse, go tswa foo se ba se ranolang se tla tshamekiwa mo radiong gore ba bangwe ba kgone go utlwa. Ka ntlha ya didirisiwa dingwe tse di rileng, dibidio di kgona go tshamekiwa ka nako e le nngwe le fa thulaganyo ya kopano e reeditswe ka dipuo tse di farologaneng di ka nna 8. David a re: “Didirisiwa tseno di raraane, mme baithaopi ba ba berekang ka tsone ba tshwanetse gore ba bo ba katisitswe sentle.”

 Diofisi tsa makala di le dintsi di na le dipikara le dikirini tse di dirisiwang ngwaga le ngwaga. Bakaulengwe ba rulaganya gore didirisiwa tseo di isiwe kwa mafelong a a farologaneng a dikopano. Ngwaga le ngwaga lekala la United States le dirisa madi a feta R2 696 000 go isa didirisiwa tseo kwa mafelong a a farologaneng. Go dira jalo go re bolokela madi a mantsi go na le gore re reke didirisiwa tse dingwe tse di tla tlhokang gore le tsone di nne di baakanngwa. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Steven yo o neng a thusa kwa lefapheng la audio/video kwa kopanong nngwe kwa Canada a re, “Lefapha la rona le ne le netefatsa gore diboutu, megala le sengwe le sengwe se se neng se dirisiwa, di tlhokometswe sentle, di feletse e bile di pakiwa sentle gore di kgone go dirisiwa kwa kopanong e nngwe.”

Go Reka le go Tlhokomela Didirisiwa

 Go hira dikirini le dipikara go a tura, mme gantsi ke tsa maemong a kwa tlase mme ka ntlha ya seo re ithekela didirisiwa tse re di tlhokang. Tlhwatlhwa ya sekirini sa boleele jwa dimetara di le 5 le bophara jwa dimetara di le 3 e ka nna R443 000 mme mogala wa microphone wa dimetara di le 15 e ka nna R370. Lefapha la Broadcasting le dira le la Purchasing go “bala ditshenyegelo” pele go ka rekwa didirisiwa dipe. (Luke 14:28) Ba sekaseka gore didirisiwa tseo di tla tswela batho ba le kae mosola, gore a go a tlhokega gore di rekwe, a go na le ko di ka bewang gone, a go na le batho ba ba katiseditsweng go di dirisa le gore a go na le dithulusu tsa go di baakanya.

 Gore re kgone go dirisa dikirini le dipikara ka lobaka lo loleele, re nna re di baakanya ka metlha mme seo se re thusa go boloka meneelo. Gore didirisiwa tseo di se ka tsa senyega motlhofo di tsenngwa mo mabokosong a a diretsweng go tsenya dilo tse di bokete, mme mabokoso ano le one a nna a baakanngwa.

Fa re tlhokomela le go baakanya didirisiwa, re ka kgona go di dirisa lobaka lo loleele

Thulaganyo e e Neelang Bosupi

 Batho ba e seng Basupi ba ile ba kgatlhiwa ke maemo a a kwa godimo a didirisiwa tse re di dirisang kwa dikopanong. Kwa kopanong nngwe, monna mongwe yo o berekang kwa ofising nngwe e kgolo ya kgaso o ile a bua bontle ka tiro ya rona. Jonathan yo o thusang kwa lefapheng la audio/video a re “Monna yoo o ne a gakgametse tota fa a utlwa gore batho botlhe ba ba neng ba thusa kwa lefelong la kopano e ne e le baithaopi le gore ga ba ela tiro eo sekolong. O ile a re tiro e re e dirileng mo letsatsing le halofo, e ne e ka tsaya batho ba a dirang le bone malatsi a le matlhano.” Manejara mongwe wa lefelo le re neng re tshwaretse kopano kwa go lone a re, “Ke kgale go tla bomankge ba mmino le dibidio kwano, mme ga ke ise ke bone tiro e e duleng diatla thata jaana!”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumelela thulaganyo ya kopano

 Didirisiwa tseno di re thusa thata kwa dikopanong. Gongwe le wena o ikutlwa jaaka mokaulengwe mongwe wa kwa England, yo o nang le dingwaga di le 88 e bong David. A re: “Ke kgale ke ya dikopanong mme gone jaanong ke kgona go tlhoma mogopolo ka botlalo kwa kopanong. Dibidio tseno di nthusa go itumelela kopano fela thata, gape di a tlhaloganyesega e bile di tsamaisana le thulaganyo.” Micheal yo o nnang kwa Nigeria a re, “Bakaulengwe ba rona ga ba sa tlhole ba sokola go utlwa le go bona dibidio, go na le moo ba kgona go tlhoma mogopolo e bile ga ba iteege tsebe fa thulaganyo e ntse e tsweletse.”

 Fa o le kwa kopanong ya ngwaga ono ya “Rera Dikgang Tse di Molemo!” akanya ka matsapa otlhe a a ileng a dirwa gore o kgone go utlwa le go bona dibidio mo thulaganyong eno. Meneelo ya lona go akaretsa le e lo e ntshang ka donate.pr418.com, e thusitse gore seno se direge. Re leboga fela thata.