Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go Boloka Diholo Tsa Rona di Sireletsegile ka Nako ya COVID-19

Go Boloka Diholo Tsa Rona di Sireletsegile ka Nako ya COVID-19

OCTOBER 1, 2022

 “Setlhopha se se Laolang se dirile tshwetso ya gore diphuthego tsotlhe di simolole go kopana mmogo gape kwa Diholong Tsa Bogosi ka beke ya April 1 go ikaegile ka dithibelo tsa puso tse di dirilweng mo lefelong la lona.” Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, ba ile ba itumelela kitsiso eo e e neng ya tlhaga mo jw.org mo masimologong a March 2022. Mme gone bolwetse jono jwa leroborobo bo ne bo ise bo fele. a Ke diphetogo dife, dilwana le didirisiwa tse di neng di tlhokega, gore ba ba nnang gone kwa dipokanong ba sireletsege le gore ba se ka ba tsenwa ke mogare ono? A mme gone Diholo Tsa Bogosi di ne di tla bo di le mo maemong a a siameng morago ga go fetsa dingwaga di le pedi di sa dirisiwe?

 Tota go ne go setse go fetile dikgwedi di le dintsi bakaulengwe ba ntse ba ipaakanyetsa go kopanela kwa Diholong Tsa Bogosi gape.

Go Tlhokega Dilo Tse Di Farologaneng, Mme Go ne Ga Nna le Ditharabololo Tse di Farologaneng

 Kgwedi fela morago ga gore go kopanela kwa Diholong Tsa Bogosi go emisiwe ka 2020, Bakaulengwe ba Lefapha la go Aga le go Tlhama Dipolane la Lefatshe Lotlhe (WDC), kwa Warwick, New York, ba ne ba simolola go sekaseka ka fa COVID-19 e tlileng go ama tsela e re dirisang Diholo Tsa Bogosi ka yone. Le gore ke dikgato dife tse di neng di tla tlhokega gore mafelo ano e nne a a sireletsegileng.

 Se se neng se tlhokega mo karolong e nngwe ya lefatshe gantsi se ne se farologana le se se neng se tlhokega kwa karolong e nngwe. Matthew De Sanctis, yo o direlang mo lefapheng la WDC, a re: “Mo dinageng dingwe bothata jo bongwe ke go tlhoka didirisiwa tsa go tlhapa diatla. Fa go se na metsi mo Diholong Tsa Bogosi, a tshwanetse go rekwa, go gelelwa kwa nokeng kgotsa kwa sedibeng. Mo dinageng dingwe, puso e ile ya fetola melao e e amanang le di-air-conditioning, di-air exchange le matshwao a a buang ka botsogo le bophepa.”

 Bakaulengwe ba rona ba ne ba lebana jang le dikgwetlho tseo? Matthew a re: “Mo Diholong Tsa Bogosi di le dintsi go dirisa didirisiwa tse di sa raraanang le tse di sa tureng go ne ga ba berekela fela thata.” Ka sekai, kwa Papua New Guinea, go ne ga dirisiwa dikupu tsa dilitara di le 20, tse di nang le dipompo gore di dirisediwe go tlhapa diatla. Ka jalo, bakaulengwe ba rona ba ne ba kgona go dirisa madi a a kana ka R680 go reka dilo tse di neng di tlhokega mo Holong ya Bogosi e le nngwe fela. Kwa Afrika go ne ga rekwa didirisiwa tsa go tlhapa diatla tsa maemo a a kwa godimo kwa Asia gore di dirisiwe mo Holong ya Bogosi.

Batsadi ba tlhomela bana ba bone sekao ka go tlhapa diatla

 Diphetogo tse dingwe tse di neng di tlhoka go dirwa mo Diholong Tsa Bogosi di ne di akaretsa go tsenya di-fan le di-air-exchanger le go di tokafatsa. Diphuthego di le dintsi di ne tsa reka didirisiwa tsa go tshwara dimaekerofouno gore di se ka tsa tshwarwa ke batho ba bantsi. Go ne go dirwa maiteko a gore batho ba se ka ba tshwara dilloko le dipompo le gore di phimolwe ka di-sanitiser gangwe le gape. Mo diphuthegong tse dingwe go ne ga tsenngwa dipompo tse di kgonang go ipula mo matlwaneng a boithusetso. Kwa Chile, go ne ga dirisiwa madi a a kana ka R23 875 go tsenya dilo tse di neng di tlhokega kwa Holong nngwe le nngwe.

Dimaekerofouno di ne di sa tshwarwe ke batho ba bantsi

 Le fa gone bakaulengwe ba rona ba ne ba amegile ka gore Diholo Tsa Bogosi di sireletsege, gape ba ne ba amegile ka go dirisa meneelo sentle. Ka sekai, kwa dinageng di le dintsi bakaulengwe ba ne ba thusiwa ke gore ba ne ba sa tlhoke go duela lekgetho fa ba reka didirisiwa tsa go tlhapa diatla le tse di tshegetsang dimaekerofouno. Diofisi tsa makala di ne tsa dumalana go dirisa madi sentle ka go reka dilwana tse dintsi thata go feta jaaka ba tlwaetse. Gantsi diofisi tsa makala le Lefapha la go Reka la Lefatshe Lotlhe, di ne tsa rulaganya go reka dilo kwa di dirwang gone mme seno se ne se fokotsa tlhwatlhwa e di rekwang ka yone e bile di ne di romelwa ka bonako.

Mafelo a go sanitiser

“Dilo Tseno di ne Tsa Dira Gore ke Ikutlwe ke Sireletsegile”

 Dithulaganyo tseno tsa go dira gore Diholo Tsa Bogosi di sireletsege, di ne di diretswe go sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tla kopanela kwa go tsone le go dira gore ba ikutlwe bo phuthologile fa ba le mo dipokanong. Kgaitsadi Dulcine, wa kwa Peru o tlhalosa gore o ne a tshogile fa a ne a utlwa gore re tlile go simolola go kopanela kwa Diholong Tsa Bogosi gape, a re: “Fa bolwetse jono jwa COVID-19 bo ne bo tlhasela bo ne jwa ntshwara. Ka jalo, ke ne ke etsaetsega go boela kwa Holong ya Bogosi ka gonne ke ne ke akanya gore nka nna ka tsenwa ke mogare ono gape. Mme fa ke goroga kwa Holong ya Bogosi ke ne ka lemoga gore bagolwane ba ne ba dirile sotlhe se ba ka se kgonang gore re sireletsege. Go ne go rekilwe di-sanitiser le didirisiwa tsa go tshegetsa dimaekerofouno gore ba ba arabelang ba se ka ba tshwara dimaekerofouno. Gape go ne go na le thulaganyo ya go phepafatsa Holo ya Bogosi ka didirisiwa tse di bolayang megare pele le morago ga pokano nngwe le nngwe. Dilo tseno di ne tsa dira gore ke ikutlwe ke sireletsegile.” b

Bakaulengwe ba phimola mafelo a a tshwarwang thata

 Kgaitsadi Sara wa kwa Zambia ene o ne a na le kgwetlho e e farologaneng. A re: “Dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng monna wa me o ne a bolawa ke COVID-19. Ke ne ke ipotsa gore ke tlile go ikutlwa jang fa ke ya kwa Holong ya Bogosi lekgetlho la ntlha ke se na le ene.” Go ne ga diragala eng? O tswelela ka go re: “Go kopana le bakaulengwe kwa Holong ya Bogosi go ne ga mpontsha gore Jehofa o na le rona mo malatsing ano a bofelo. Gone jaanong bagolwane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba a nkgothatsa, ba mpontsha gore ba a nthata e bile ba nkema nokeng go feta le fa e le leng pele.”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba itumeletse go kopana gape

 Bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe ba itumelela go boa ba kopanela mo Diholong Tsa Bogosi gape. Re lebogela meneelo ya lona, e bontsi jwa yone lo e ntshang mo donate.pr418.com. Meneelo eno e re thusitse go dira gore mafelo a rona a kobamelo a nne a sireletsegile le gore ba ba kopanelang mo go one ba nne ba phuthologile.

a Fa go ne go tlhokega, ba ba neng ba tlhoka go nna teng mo dipokanong ba dirisa videoconferencing kgotsa founo ba ne ba kgona go dira jalo.

b Mo godimo ga moo, botlhe ba ba neng ba nna teng kwa Holong ya Bogosi ba ne ba kgothalediwa go rwala di-mask.