Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go Dirwa ga Terama ya Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu

Go Dirwa ga Terama ya Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu

OCTOBER 1, 2024

 Ke kgale Basupi ba ga Jehofa ba lebile pele go bona Episode ya ntlha ya Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu. Batho ba le bantsi ba setse ba e bone. Episode eno ke ya ntlha mo go di le 18! Terama eno e dirwa jang mme o ile wa tshegetsa jang porojeke eno?

Go Tlhokomela Batho ba ba Dirang mo Porojekeng Eno

 Gantsi go rekotiwa kwa lekaleng la Australasia mme batho ba ka nna 50 go ya go 80, ba nna gone fa go rekotiwa. a Batho ba ba dirang mo porojekeng eno ba baakanyetswa dijo tsa motshegare, tsa maitseboa le di-snack. Go rulaganngwa gore go tla jewa eng nako e sa ntse e le gone. Esther yo o dirang mo Lefapheng la Tirelo ya Dijo a re: “Re reka dijo mo mafelong a a farologaneng gore re bone dijo tsa boleng jo bo kwa godimo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase mme re nna re fetola tsela e re apayang ka yone gore dijo di se ka tsa senngwa.” Letsatsi le letsatsi re dirisa diranta di ka nna 72 go fepa motho a le mongwe.

 Batho ba ba dirang mo porojekeng eno ga ba tlhoke dijo fela mme gape ba tlhoka tshireletso. Ba sirelediwa mo go eng? Gantsi kwa Australia go bothito le fa go ntse jalo, go na le marang a a kotsi a letsatsi. Go sireletsa batho ba ba dirang mo porojekeng eno kgatlhanong le marang a a kotsi le letsapa le le bakwang ke mogote, bakaulengwe ba tlhoma ditente gape ba dira le mafelo a batho ba ka ikhutsang kwa go one, mo godimo ga moo, ba tlhomamisa gore go na le di-sunscreen, dikgele le metsi a a lekaneng. Kevin yo o dirang mo Lefapheng la Audio/Video a re: “Bontsi jwa bakaulengwe ba ba dirang tiro eno ke baithaopi ba ba dirang kwa Bethele. Ba dira tiro eno le tse dingwe ka boikokobetso le boitumelo jo bogolo. Re ne re ka se kgone go dira porojeke eno ntle le thuso ya bone.”

Go Rekotela Kwa Ntle ga Bethele

 Dikarolo dingwe tsa terama eno ga di kgone go rekotelwa kwa Bethele mme mo maemong ao go rekotelwa kwa mafelong a mangwe. Fa go rekotiwa ditiragalo tsa motlha wa Baebele go iwa kwa mafelong a a kgakala a a se nang dipale tsa motlakase, ditsela le matlo a sesheng. Diaparo le dilo tse dingwe tse di tlileng go dirisiwa, di a pakiwa mme di isiwa kwa go rekotelwang gone di bo di bewa sentle koo. Pele go simololwa, bakaulengwe ba ba ikarabelelang ka go rulaganya mo porojekeng eno, ba tlhomamisa gore go na le dijenereitara, metsi a go nwa le matlwana a boithomelo. Ba ba dirang mo porojekeng eno ba robala kwa magaeng a bakaulengwe, mo dikharabaneng, mo dihoteleng kgotsa mo mafelong mangwe a a hirilweng.

Go na le dikgwetlho go rekotela kwa mafelong a kwa ntle ga Bethele

 Go rekotela kwa mafelong a mangwe a kwa ntle ga Bethele go a tura, go tsaya nako e bile go tsenya letsapa. Ka jalo ka 2023, Setlhopha se se Laolang se ile sa dumela gore go rekwe dikirini tsa tlhwatlhwa ya diranta di feta dimilione tse 44, tse di ka dirisiwang fa go rekotiwa. Dikirini tseno tsa maemo a a kwa godimo thata di kgona go tlhagisa ditshwantsho bontle mme go bo go lebega e kete go rekotetswe kwa ntle mo lefelong lengwe le le rileng. Ka ntlha ya seo re kgona go boloka madi a mantsi a re ka bong re a dirisitse fa re ka bo re rekotetse kwa lefelong lengwe le le kwa ntle ga Bethele. Leloko lengwe la Komiti ya Lekala la Australasia e bong Darren, a re: “Go dirisa dikirini tseno go thusa ba ba dirang mo porojekeng eno gore ba se ka ba lapa ka bonako e bile re kgona go rekota dikarolo tse di rileng gantsi go fitlha re kgotsofala. Ka sekai, fa re tlhoka go rekota karolo nngwe kwa ntle, e go tlhagang letsatsi le phirima mo go yone, re tshwanetse go rekota ka bonako ka gonne go ise go ye kae go tla bo go le lefifi. Le fa go ntse jalo, fa re dirisa dikirini tseno re kgona go tlhagisa phirimo ya letsatsi mo go tsone re bo re rekota go fitlha re kgotsofala.”

Go baakanngwa di-setting tsa dikirini pele go rekotiwa

“Tota Ga ke A Latlhegelwa ke Sepe”

 Go tlhokega batho ba le bantsi go thusa fa go rekotiwa episode nngwe le nngwe ya Dikgang Tse di Molemo. Bakaulengwe bano ba ikutlwa jang ka matsapa otlhe a a tsewang go ba tlhokomela?

 Amber o ile a tsamaya dikilomitara di feta 700 go tswa kwa legaeng la gagwe kwa Melbourne go tla go tsaya karolo mo porojekeng eno. A re: “Go tloga fela fa ke goroga kwa boemadifofaneng, bakaulengwe ba kwa Bethele ba ile ba ntlhokomela fela thata. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba kwa Bethele ba ile ba ntaletsa go tla go ja le bone kgotsa go nwa tee le bone. Fa re le kwa lefelong le go rekotiwang kwa go lone, batho botlhe ba ne ba dira gore ke ikutlwe ke gololesegile e bile ke ratiwa. Ke itumeletse masego a le mantsi mo porojekeng eno. Tota ga ke a latlhegelwa ke sepe!”

 Derek o bereka mo lefapheng le le dirang dibidio tseno. A re: “Mafapha a le mantsi a ile a re tshegetsa fa e sa le re simolola porojeke eno. Ke itumelela go bereka mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirisitseng nako, dithoto le maatla a bone go thusa mo porojekeng eno. Ba a re tshegetsa, ba ikemiseditse go re thusa e bile ba pelontle. Ruri Jehofa o ba segofaditse, le rona o re segofaditse. Ke dumela gore Jehofa ga a kgatlhegele fela se tiro ya rona e se fitlhelelang, o kgatlhegela le tsela e re dirang tiro eno ka yone.”

 Meneelo ya lona go akaretsa le e lo e ntshang ka donate.pr418.com, e tshegetsa motseletsele wa dibidio tseno. Re leboga fela thata.

a Lekala la Australasia le tlhokomela tiro ya rona mo dinageng tse di farologaneng, go akaretsa Australia le dinaga tse dingwe tse di mo South Pacific. Ofisi ya lekala leno e kwa ntle ga toropo ya Sydney kwa Australia.