Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go Thusa ba ba Wetsweng ke Masetlapelo

Go Thusa ba ba Wetsweng ke Masetlapelo

FEBRUARY 1, 2021

 Ka 2020 go ne ga nna le masetlapelo a le mantsi gape bolwetse jwa COVID-19 jo bo ileng jwa ama lefatshe lotlhe bo ne jwa simolola ka ngwaga oo. Basupi ba ga Jehofa ba thusitse jang ba ba amilweng ke masetlapelo?

 Ka ngwaga wa tirelo wa 2020, a Komiti ya Barulaganyi ya Setlhopha se se Laolang e ne ya dumela gore go dirisiwe R417 566 240 go thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo. Go ne ga thusiwa batho ba ba neng ba wetswe ke masetlapelo a a fetang 200, go akaretsa ba ba amilweng ke COVID-19, dikgwanyape, merwalela kwa Afrika, ba ba tlhaetsweng ke dijo kwa Venezuela le ba ba amilweng ke komelelo kwa Zimbabwe. Meneelo e e neng ya ntshiwa e ne ya thusa go duelela dijo, metsi, mafelo a bakaulengwe ba nnang kwa go one, diaparo le dilo tse ba di tlhokang tsa kalafi. Gape meneelo eo e ne ya dirisediwa go reka dilo tse bakaulengwe ba tla di tlhokang fa ba phepafatsa, go baakanya dilo tse di senyegileng le matlo a bone. A re bone gore bangwe ba bone ba ile ba thusiwa jang.

 COVID-19. E ne ya ama bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona lefatshe ka bophara mo maikutlong, mo mmeleng le mo go tsa itsholelo. Gore bakaulengwe ba kgone go thusiwa go ne ga dirwa Dikomiti Tsa Namolo Tsa Dikotsi Tsa Masetlapelo (DRC) di feta 800 mo lefatsheng lotlhe. Dikomiti tseno di lebelela gore ke dilo dife tse bakaulengwe ba di tlhokang, go tswa foo di bo di di romelela Komiti ya Barulaganyi, komiti eno e bo e swetsa ka gore bakaulengwe ba ka thusiwa jang.

 Go fetile dingwaga di le dintsi, Dikomiti Tsa Namolo Tsa Dikotsi Tsa Masetlapelo di thusa bakaulengwe le bokgaitsadi go nna le dijo, metsi, dilo tse ba di tlhokang letsatsi le letsatsi le melemo. Kwa mafelong a mangwe, Dikomiti Tsa Namolo Tsa Dikotsi Tsa Masetlapelo di ne tsa dira mmogo le bagolwane go thusa baboledi go nna le dilo tse ba di tlhokang go tswa kwa pusong.

 Batho ba bangwe ba e seng Basupi ba kgona go bona gore Basupi ba dira ka natla go thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo. Ka sekai, Field Simwinga, mokomishinara wa kgaolo ya Nakonde, kwa Zambia, o ne a raya Basupi a re: “Re lebogela go bo lo thusitse malapa a a neng a tlhoka thuso ya namolo ka nako.”

 Go tlhaela ga dijo kwa Angola. Bolwetse jwa COVID-19 bo ne jwa dira gore tlhwatlhwa ya dijo e ye kwa godimo thata kwa Angola. Seo se ne sa dira gore go nne thata gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba reke dijo.

Go ne ga romelwa dijo go tswa kwa Brazil go ya kwa Angola

 Lekala la kwa Brazil le ne la kopiwa go romelela bakaulengwe ba rona ba kwa Angola dijo. Bakaulengwe ba ne ba batlisisa gore ke dijo dife tse ba ka di rekang le gore ba ka di romela jang. Dijo tseo di ne di phuthetswe e bile di rulagantswe sentle. Go dirisitswe madi a a kana ka R328.09 go reka dijo tse di neng di phutheletswe mongwe le mongwe le go di romela. Mme kgetsi nngwe le nngwe e ne e le bokete jwa dikilogerama di le 20. E ne e na le raese, dinawa le mafura. Go fitlha gone jaanong, go setse go rometswe dikgetsi di le 33 544 tse di leng bokete jwa dikilogerama di le 654 080. Dijo tseno fa di kopanngwa le tse lekala la kwa Angola le neng le sa ntse le na le tsone di ne tsa kgona go fepa batho ba feta 50 000.

 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba thusiwa ba ikutlwa jang? Alexandre, yo o nnang kwa Angola, a re: “Seno se mpontshitse gore Jehofa o a nthata le gore ga ke nosi. Phuthego ya Modimo e ntsaya ke le botlhokwa!” Motsadi mongwe yo o senang molekane e bong Mariza a re: “Jehofa o utlwile selelo sa me. Ke mo leboga thata le phuthego ya gagwe!”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Angola ba le bogela thuso eno ya namolo fela thata

 Thuso ya Namolo kwa Zimbabwe. Ka ngwaga wa tirelo wa 2020 naga ya Zimbabwe e ne ya welwa ke leuba mme seo sa dira gore dimilione tsa batho ba sale ba se na se ba se jang. Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi le bone ba ne ba sala ba se na dijo.

 Go ile ga tlhomiwa Dikomiti Tsa Namolo di le tlhano tse di tla thusang bakaulengwe go nna le dijo. Baboledi ba le bantsi ba ile ba thusa go paka dijo, go di tsenya mo dikoloing mme ba bangwe bone ba ne ba dirisa dikoloi tsa bone go di rwala. b Ka ngwaga wa tirelo wa 2020 go ne ga dirisiwa R10 313 304.52 go fepa batho ba feta 22 700!

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Zimbabwe ba amogela thuso (Pele bolwetse bo tlhasela)

 Bangwe ba bakaulengwe ba ne ba setse ba feletswe ke dijo fa thuso ya namolo e tla. Fa dijo di goroga, ba ne ba galaletsa Jehofa. Bangwe ba bone ba ne ba opela dipina tsa Bogosi.

 Kwa lefelong lengwe go ne ga dirwa kopano mme batho ba lefelo leo ba ne ba tla go bua ka dijo tse di neng di tla abiwa ke mokgatlho mongwe o e seng wa puso. Fa ba le koo go ne go buiwa thata ka dilo tsa dipolotiki mme seo se ne sa dira gore bokgaitsadi ba swetse ka gore ga ba kitla ba amogela dijo tse di neng di tlisiwa ke mokgatlho oo. Fa ba tsamaya batho ba ba neng ba le teng koo ba ne ba ba sotla ka mafoko, ba ba raya ba re: “Lo se ka lwa ba lwa tla go kopa dijo mo go rona!” Morago ga dibeke tse pedi, bakaulengwe ba ile ba goroga kwa lefelong leno, mme ba thusa bokgaitsadi bano ka dilo tse ba di tlhokang pele ga batho ba lefelo leo ba amogela dijo tse ba neng ba di solofeditswe ke mokgatlho o e seng wa puso.

Prisca a re :“Jehofa ga a ke a latlha batho ba gagwe”

 Thuso ya namolo kwa Zimbabwe e ne ya naya bosupi. Ka sekai, akanya ka Prisca, yo o nnang kwa motsaneng mongwe o monnye wa kwa Zimbabwe. Le fa go ne go se motlhofo, Laboraro mongwe le mongwe le Labotlhano mongwe le mongwe Prisca o ne a rerela baagelani ba gagwe tota le fa nako eo e ne e le nako ya go lema. Ba bangwe mo motseng ba ne ba rata go mo sotla ka mafoko, ba ne ba tle ba mo reye ba re: “O tlile go bolaisa lelapa la gago tlala ka go tlhola o rera.” Mme ene o ne a tle a ba reye a re: “Jehofa ga nke a latlha batho ba gagwe.” Go ise go ye kae, phuthego ke fa e mo tlisetsa dijo. Seno se ne sa kgatlha bangwe ba baagelani ba gagwe, ba bo ba mo raya ba re: “Modimo ga a ise a tsamaye a go latlhe, ka jalo, re batla go itse mo go oketsegileng ka ene.” Gone jaanong baagelani ba gagwe ba le supa ba reetsa dipokano tse di gasiwang mo radiong.

 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, masetlapelo a tlholego a tlile go nna a ntse a direga. (Mathaio 24:3, 7) Moneelo o o o ntshang ka go rata o dirisa donate.pr418.com o lebogelwa fela thata. O dirisediwa go thusa ba ba tlhokang thuso ka nako.

a Ngwaga wa tirelo wa 2020 o simolola ka September 2019 go fitlha ka August 2020.

b E re ka bolwetse jwa COVID-19 bo dirile gore go nne le dithibelo dingwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba isetsang maloko a mangwe a phuthego dijo ba ne ba tshwanelwa ke go dira makwalo a a ba letlang go tsamaya. Ba ne ba le kelotlhoko thata gore ba se ka ba tsenwa ke bolwetse jono.