Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Laeborari e o Kgonang go Tsamaya ka Yone

Laeborari e o Kgonang go Tsamaya ka Yone

SEPTEMBER 1, 2021

 “Mo malobanyaneng fale go ne go le thata go tlwaela go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki.” A o dumalana le mafoko ao? Mafoko ao a ne a buiwa mo puong e e kgothatsang e e neng e beilwe ke mokaulengwe Geoffrey Jackson mo Pegong ya Borataro e e Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang ya 2020. O ne a tswelela ka gore: “Gone jaanong re a ipotsa gore re ka bo re le ba ga mang fa re ka bo re se na dithulusu tse di jaaka JW Library. Re leboga Jehofa Modimo ka ntlha ya dithulusu tseno tse a re fileng tsone.”

 Jehofa o ntse a re thusa go ipaakanya jang? JW Library e dirilwe jang, mme ke eng se se tlhokang go nna se dirwa gore e tswelele e bereka sentle?

E ne E le Lantlha re Dira App

 Ka May 2013, Setlhopha se se Laolang se ne sa laela lefapha la MEPS Programming, gore le dire app e e nang le Baebele e e tlhabolotsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane. Paul Willies yo o direlang mo lefapheng la MEPS Programming, a re: “E ne e le lantlha re dira app. Re ne ra emisa diporojeke dingwe gore bakaulengwe ba ba tswang mo go tsone ba tle ba kgone go dira app eno le go tsenya dilo dingwe tse di tlhokegang mo go yone. Re ne re nna re rapela mme Jehofa o ne a re thusa go golola app eno kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga morago ga dikgwedi di le tlhano!”

 Kgwetlho e nngwe e ne e le go dira gore app eno e nne laeborari, e ne e tshwanetse go nna le Baebele le dikgatiso ka dipuo tse di farologaneng. Ka January 2015, app eno ke fa e na le dikgatiso di le dintsi tsa Seesemane, morago ga dikgwedi di le thataro ke fa batho ba kgona go itseela tsone ka dipuo tse di farologaneng.

 Fa bakaulengwe ba se na go tlhabolola app eno ba ne ba tsenya dibidio mo go yone, ba bo ba dira gore dibidio, ditshwantsho le dipina tse re di dirisang kwa dipokanong di nne mo karolong e le nngwe. Gape ba dirile gore fa o batla go bona dintlha tse di oketsegileng mo temaneng e o e balang, o kgone go tsena mo kgatisong ya Kaedi ya go Dira Dipatlisiso.

Go Tlhabolola Laeborari

 Letsatsi le letsatsi app eno e bulwa mo didirisiweng tsa ileketeroniki di le dimilione di le 8 mme ka kgwedi e bulwa mo didirisiweng di feta dimilione di le 15. Go tlhokega eng gore app eno e kgone go bereka sentle mo di dirisiweng tseno? Mokaulengwe Willies a re: “Di-app di nna fela di tlhabololwa. Re nna re tsenya dilo tse disha tse di tla dirang gore go nne motlhofo go e dirisa. E re ka di-software tsa difouno di nna fela di tlhabololwa, app eno le yone e tlhoka go tlhabololwa gore e kgone go bereka sentle mo go tsone. Gape re e tlhabolola ka gonne re nna re tsenya dikgatiso, diterama, dibidio le dipina mo go yone.” Gone jaanong go na le dikgatiso di feta 200 000 ka dipuo tse di farologaneng le dibidio le dipina di feta 600 000 mo JW Library!

 Gore re kgone go tswelela re tlhabolola app eno re tlhoka go reka dilaesense dingwe tse re tla tswelelang re di dirisa mo dikhomputareng. Ka ngwaga laesense e le nngwe e ja R21 591,08. Mo godimo ga moo, lefapha la MEPS Programming le dirisa madi a a kana ka R143 940,50 ngwaga le ngwaga gore ba kgone go reka didirisiwa tsa ileketeroniki, ba bone gore app e bereka jang mo go tsone.

JW Library e re Thusa go Boloka Madi

 JW Library e dirile gore re boloke madi a re ka bong re a dirisetsa go gatisa le go romela dikgatiso dingwe. Ka sekai, ka 2013 re gatisitse dibuka tsa Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe di le dimilione di le 12. Mme ka 2020, re gatisitse fela di le dimilione di le 5 le fa gone palo ya baboledi e ile ya oketsega mo lefatsheng lotlhe. Go fetogile eng? Gone jaanong bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba bala temana ya letsatsi mo JW Library. a

“Ke Mpho e e Botlhokwa Tota”

 JW Library e thusa batho ba ba e dirisang ka ditsela tse di farologaneng. Geneviève yo o nnang kwa Canada, a re app eno e dirile gore a ithute ka metlha. A re: “Go bua boammaaruri, fa nkabo ke tshwanelwa ke go dirisa dibuka tse dintsi fa ke ithuta, nkabo ke sa ithute phakela le phakela. Mme app eno e nthusa gore ke bale sengwe le sengwe se ke se tlhokang mo thaboleteng ya me. Go ithuta mono go dirile gore tumelo ya me e nonofe le gore ke atamalane le Jehofa.”

Geneviève

 Fa e sa le go nna le dithibelo dingwe ka ntlha ya bolwetse jwa COVID-19, app eno e re thusitse thata. Charlyn yo o nnang kwa United States, a re: “Fa e sa le COVID-19 e tlhasela, ke na le ngwaga ke sa bone dikgatiso tsa rona tse di printilweng, mme re ntse re newa se re se tlhokang go dirisiwa JW Library. Ke leboga Jehofa go bo a re thusitse go nna le app eno gore re kgone go nonotsha tumelo ya rona.”

 Batho ba le bantsi ba ikutlwa jaaka Faye yo o nnang kwa Philippines, a re: “App eno e nthusa go atamalana le Jehofa. Ke e dirisa go bala phakela. Ke reetsa sengwe mo go yone fa ke ntse ke dira ditiro tsa mo lapeng. Ke baakanyetsa dipokano ka yone. Ke baakanyetsa ka yone pele ke tshwara thuto ya Baebele. Ke leba dibidio mo go yone fa ke iketlile. Ke bala Baebele kgotsa dikgatiso dingwe mo go yone fa ke emetse sengwe. Ke mpho e e botlhokwa tota.”

 Gape re kgona go dira dilo di le dintsi ka yone fa re le mo bodireding. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Cameroon o ne a batla go dirisa temana nngwe e a utlwileng kgaitsadi mongwe a e dirisa nako nngwe. Le fa go ntse jalo, o ne a sa gakologelwe gore e fa kae. A re: “Mme ke ne ke gakologelwa mafoko mangwe a a mo go yone. Ke ne ka bula app ya me, ka ya kwa Baebeleng, ke bo ke kwala mafoko a ke a gopolang. Ke ne ka bona temana eo ka bonako tota. App eno e nthusa go bona ditemana dingwe tse ke a tleng ke di lebale.”

 Meneelo e lo e ntshang lo dirisa donate.pr418.com e re thusa go tlhabolola app eno, gore bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe ba kgone go e dirisa. Re lo leboga thata.

Dilo Tse di Tsentsweng mo JW Library

  1. October 2013—App eno e ne ya gololwa e na le Baebele e e tlhabolotsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane

  2. January 2015—Go gololwa dikgatiso di le dintsi ka Seesemane go bo go latela tsa dipuo tse dingwe

  3. November 2015—Batho ba ne ba kgona go thalela mo go yone

  4. May 2016—Go ne ga tsenngwa karolo ya Dipokano

  5. May 2017—Batho ba ne ba kgona go kwala mo go yone

  6. December 2017—Go ne ga tsenngwa Study Bible sa Seesemane

  7. March 2019—Batho ba ne ba kgona go itseela dikgatiso tse di reediwang, go lebelela dibidio mo Internet, le go bona dikgatiso tse dingwe ba dirisa Kaedi ya go Dira Dipatlisiso

  8. January 2021—Go tsenngwa dikarolo tse disha tsa dikgatiso tsa Itumelele go Tshelela Ruri!

a Ga go tlhokege madi a mantsi gore mongwe le mongwe a kgone go itseela dikgatiso mo JW Library. Ngwaga o o fetileng go ne ga dirisiwa madi a a kana ka R21 591 075 go dira gore dibidio di kgone go lebiwa mo Internet go dirisiwa jw.org le app ya JW Library le gore batho ba kgone go di itseela. Le fa go ntse jalo, madi ano ga a mantsi fa a bapisiwa le madi a a tlhokegang a go gatisa le go romela dikgatiso, di-CD le di-DVD.