Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Phuthego ya Modimo Ga e A Lebala Batho Ba ba Sa utlweng mo Ditsebeng

Phuthego ya Modimo Ga e A Lebala Batho Ba ba Sa utlweng mo Ditsebeng

JULY 1, 2022

 Jehofa o batla gore batho botlhe ba maemo a a farologaneng ba ithute ka ene le ka Bogosi jwa gagwe. (1 Timotheo 2:3, 4) Ka lebaka leno, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gatisa Baebele le dikgatiso tsa go ithuta Baebele ka bontsi jo bo ka kgonegang go thusa batho ba ba sa utlweng. Tota e bile, phuthego ya Modimo e ile ya dira dibidio a tsa dikgatiso di le dintsi ba dirisa dipuo tsa diatla di feta 100. Dikgatiso tseno di dirwa jang? Ke diphetogo dife tse di dirilweng mo nakong e e fitileng?

Dibidio Tsa Puo ya Diatla di Dirwa Jang?

 Dikgatiso tsa puo ya diatla di dirwa ke ditlhopha tsa baranodi go ralala lefatshe. Baranodi bano ba sekaseka kgatiso pele ga ba ka e ranola. Go tswa foo, ba leka go bona gore ba ka e ranolela jang mo puong ya diatla. Fa ba feditse ba rekota kgatiso eno ka bidio. Gone jaanong, go na le ditlhopha tsa baranodi di le 60 tse di ranolelang mo puong ya diatla ka metlha, gape go na le di 40 tse di dirang jalo ka dinako dingwe.

 Mo nakong e e fitileng, re ne re tlhoka madi a mantsi go dira dibidio tsa puo ya diatla. Dikhemera le didirisiwa tse dingwe, di ne di tura thata go feta gone jaanong. Gape, dibidio di ne di tshwanetse go rekotelwa mo disetudiong tse re neng re tshwanetse go itirela tsone. Ka dinako dingwe, re ne re tlhoka go tlhabolola dikago tse re nang le tsone. Ka kakaretso re ne re tlhoka R504 000 go rulaganyetsa baranodi sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka go dira dibidio tseno.

 E le gore meneelo e dirisiwe sentle, phuthego ya Modimo e ile ya batla ditsela tse e ka tokafatsang le go tlhofofatsa tsela ya go ranola. Re ile ra dirisa didirisiwa tsa bosheng tse di berekang sentle mme di sa ture thata. Go na le gore ba dirise setudio, baranodi ba kgona go rekota dibidio ba le mo ofiseng, ba dirisa greenscreen. Fa go tlhokega bakaulengwe le bokgaitsadi ba le mmalwa ba ba tla rekotang kgatiso nngwe, ga ba tlhoke go ya kwa setudiong, ba ka rekota ba le kwa magaeng kgotsa kwa diofising tsa bone.

 Go na le di-software tse re di dirileng go thusa baranodi ba puo ya diatla. Diphetogo tse di dirilweng di dirile gore baranodi ba kgone go ranolela mo puong ya diatla ka bonako. Bakaulengwe ba itumeletse diphetogo tseno fela thata. Mokaulengwe Alexander a re: “Dibidio tsa puo ya diatla di gololwa di le dintsi go feta pele. Ke itumeletse seo fela thata. Ke lebelela dibidio letsatsi le letsatsi.”

 Gone jaanong re tlhoka madi a a kana ka R84 000 fela, go rulaganya dilo tse baranodi ba di tlhokang. Ka ntlha ya seo, re kgona go gatisa dibidio ka dipuo di le dintsi tsa diatla.

Dibidio Tsa Puo ya Diatla di Phasaladiwa Jang?

 Fa setlhopha sa baranodi se fetsa go rekota kgatiso, bidio ya yone e tshwanetse go gololwa. Mo nakong e e fitileng, go ne go dirisiwa di-videocassette le di-DVD mme go ne go tura thata e bile go tsaya nako gore batho ba ba di dirisang ba nne le tsone. Fa baranodi ba fetsa go rekota bidio, bidio eo e ne e romelelwa khampani nngwe mme khampani eo e bo e dira di-videocassette le di-DVD. Go tswa foo, di bo di romelelwa diphuthego. Ka 2013, re ile ra dirisa madi a a fetang R33 000 000 go dira di-DVD tsa puo ya diatla.

 Batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng, ba ne ba di itumelela thata. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa kgone go di dirisa tsotlhe ka gonne di-DVD le di-cassette di ne di nna fela di oketsega. Ka dinako tse dingwe, go ne go tlhokega gore go dirisiwe di-DVD di le mmalwa go tsenya buka e le nngwe ya Baebele. Mokaulengwe Gilnei yo o nnang kwa Brazil a re: “Ka dinako dingwe fa o batla go bala temana, o ne o tshwanetse go batlana pele le cassette ya yone, seo e ne e le motseo.” Kgaitsadi Rafayane yo o neng a tle a ithute a dirisa di-DVD tsa puo ya diatla, a re: “Tota ke ne ke lapa fa ke ithuta ke le esi. Re ne re fetsa nako e ntsi re batlana le ditemana le gore di kaya eng.” Gape fa bakaulengwe ba le mo bodireding ba ne ba tsaya di-DVD kgotsa di-videocassette tse ba neng ba tla di tshamekela motho yo o kgatlhegang mo thelebisheneng ya gagwe. Ba bangwe ba ne ba tsamaya ka didirisiwa tse ba neng ba tla tshameka di-DVD mo go tsone. Fa nako e ntse e ya, go ne ga nna le didirisiwa tse dinnye tse di neng di na le disekerini tse bakaulengwe ba le bantsi ba neng ba di dirisa go tshameka di-DVD. Mokaulengwe Bobby yo o nnang kwa United States, a re: “Fa o sena go tshamekela mong wa ntlo lekwalo la Baebele mme o batla go mo tshamekela le lengwe o ne o tshwanetse go tsenya DVD e nngwe. Go dira jalo go ne go tsaya nako e ntsi, ka jalo, re ne re sa kgone go dirisa Baebele thata.”

 Ka 2013, phuthego ya ga Jehofa e ne ya golola app ya JW Library Sign Language. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kgona go itseela dibidio mo go yone ba bo ba di tshameka mo difounong tsa bone kgotsa mo dithaboleteng. Kwa tshimologong, app eno e ne e le teng fela ka Puo ya Diatla ya kwa America. Ka 2017, e ne ya tlhabololwa e bo e nna teng le ka dipuo tse dingwe tsa diatla. Seo se ne sa dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe ba itumele. Mokaulengwe Juscelino yo o nnang kwa Brazil a re: “Ke ne ke sa dumele se ke se bonang! Ke ne ka nna ke akantse ka se Setlhopha se se Laolang se nnang se se direla rona batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng gore re kgone go tlhaloganya dilo jaaka batho ba ba utlwang mo ditsebeng. Ke ne ke itumetse thata. Mo godimo ga moo, app eno e ile ya dira gore ke itumelele go ithuta Baebele le go feta.”

Go dirisa app ya JW Library Sign Language

 Gompieno re phasalatsa dibidio tsa dipuo tsa diatla re dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki, websaete ya jw.org le app ya JW Library Sign Language. Ka jalo, dikgatiso di kgona go ranolwa di bo di rekotiwa mo malatsing a se kae fela, ga di tlhole di tsaya dikgwedi kgotsa dingwaga. Tota e bile, dipuo tse dingwe tsa diatla di golola dikgatiso ka nako e le nngwe le dipuo tsa batho ba ba utlwang mo ditsebeng.

 Utlwa gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba reng. Kgaitsadi Klízia a re: “Ga go na mokgatlho o mongwe o o kgathalelang batho jaaka phuthego ya Modimo, e dirile gore re kgone go bona dilo tse di ka re nonotshang mo tumelong motlhofo.” Vladimir a re: “Dibidio tseno di mpontsha gore Jehofa o amega thata ka batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng fela jaaka a amega ka batho ba ba utlwang mo ditsebeng.”

 Gantsi dibidio tsa dipuo tsa diatla di a tle di re: “Kgatiso eno ke karolo ya tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go ruta batho Baebele mme e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata.” Re lebogela meneelo ya lona, e bontsi jwa yone lo e ntshang lo dirisa donate.pr418.com. Meneelo eno e re thusa go gatisa Dibaebele le dikgatiso tse di thusang batho go ithuta Baebele go akaretsa le tse di dirwang go dirisiwa dipuo tsa diatla.

a Batho ba ba dirisang puo ya diatla ba bua ba dirisa tsela e ba lebegang ka yone mo sefatlhegong le diatla. Ka jalo, dikgatiso tsa bone di dirwa go dirisiwa dibidio, ga di gatisiwe jaaka tsa batho ba ba utlwang mo ditsebeng.