Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Tiro ya Namolo ka 2022—Go Bontsha Lorato Lwa Bokaulengwe

Tiro ya Namolo ka 2022—Go Bontsha Lorato Lwa Bokaulengwe

JANUARY 1, 2023

 Baebele e ile ya bolelela pele gore mo motlheng wa rona go tla nna le dintwa, dithoromo tsa lefatshe, malwetse a leroborobo le dilo tse dingwe “tse di tshosang.” (Luke 21:10, 11) Mafoko ano a boporofeti a ile a tswelela a diragadiwa mo ngwageng wa tirelo wa 2022. a Ka sekai, ntwa ya kwa Ukraine e ile ya nna maswe thata mme e amile matshelo a batho ba le dimilione. Dinaga di le dintsi di ne di sa ntse di leka go itharabologelwa morago ga bolwetse jwa COVID-19. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ile ba amiwa ke masetlapelo a tlholego a le mantsi, a a jaaka dithoromo tsa lefatshe kwa Haiti le ditsuatsue tse di maatla kwa Central America, kwa Philippines le kwa borwabotlhaba jwa Afrika. Basupi ba ga Jehofa ba thusitse jang batho ba ba amilweng ke masetlapelo ano?

 Mo ngwageng wa tirelo wa 2022 phuthego ya rona e ile ya thusa batho ba ba amilweng ke masetlapelo a tlholego a ka nna 200! Ka kakaretso, re ile ra dirisa madi a ka nna R206 000 000 mo tirong ya namolo. Bona gore meneelo e e ntshitsweng e dirisitswe jang go thusa batho ba ba amilweng ke masetlapelo a mabedi a a latelang.

Dithoromo Tsa Lefatshe Kwa Haiti

 Ka di 14 tsa August, 2021, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 7,2 kwa borwa jwa Haiti. Ka maswabi, go ile ga tlhokafala Basupi ba le bararo, bokgaitsadi ba le babedi le mokaulengwe a le mongwe. Ba ba neng ba falola thoromo eno ya lefatshe ba ne ba amega mo mmeleng le mo maikutlong. Mokaulengwe Stephane a re: “Go ile ga tlhokafala batho ba le bantsi mo lefolong la rona mo e leng gore go ne ga feta dikgwedi di le pedi go na le diphitlho di le dintsi beke le beke.” Mokaulengwe Éliézer ene a re: “Basupi ba le bantsi ba ne ba se na magae, diaparo, ditlhako le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang. Go ile ga feta dikgwedi batho ba tshelela mo letshogong morago ga thoromo eo ya lefatshe.”

 Phuthego ya rona e ile ya thusa ka bonako. Lekala la rona la kwa Haiti le ile la ntsha dijo tsa ditone tse di fetang 53, ditente, diseile, materase le ditšhajara tsa difounu tse di dirisang solar. Mo godimo ga moo mo ngwageng wa tirelo wa 2022, go ile ga agiwa kgotsa ga baakanngwa magae a feta 100. Go ile ga dirisiwa madi a feta R17 181 000 mo tirong ya namolo.

Go abiwa ga dijo kwa Haiti

 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba lebogela seo fela thata. Lorette a re: “Thoromo ya lefatshe e ile ya senya legae la rona le kgwebo ya rona. Re ne re se na se re ka se jang. Mme phuthego ya ga Jehofa e ile ya re ema nôkeng ka go re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang.” Micheline a re: “Thoromo ya lefatshe e ne ya senya ntlo e nna le bomorwaake ba babedi re neng re nna mo go yone. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng ntle le go rapela, mme Jehofa o ne a nkaraba a dirisa phuthego ya gagwe. Gone jaanong re na le ntlo e e agilweng sentle e re nnang mo go yone. Ke ikemiseditse go dira sotlhe se nka se kgonang go bontsha Jehofa gore ke a mo leboga.”

 Tiro ya rona ya namolo e ile ya lemogiwa ke badiredipuso. Modiredipuso yo o okametseng holo ya toropo kwa L’Asile a re: “Ke lo akgolela go bo lo tshotse kgato ka bonako go tla go thusa le gore lo tlotla badiredipuso fela thata. Ke itumelela go bona gore ga lo thuse batho ka gonne lo batla go duelwa. Go na le moo, lo dira jalo ka gonne lo batla go ba thusa. Tota lo tlhotlhelediwa ke lorato.”

Setsuatsue se se Bidiwang Ana se Itaya Malawi le Mozambique

 Ka di 24 tsa January, 2022, setsuatsue se se bidiwang Ana se ile sa itaya Mozambique se bo se ya kwa bophirima jwa Malawi. Se ne sa tlisa dipula le diphefo tse di maatla tse di neng di tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le 100 ka ura. Se ile sa diga dipale tsa motlakase, sa gogola marogo sa bo sa baka morwalela o mogolo.

 Setsuatsue seo se ile sa ama Basupi ba feta 30 000 kwa Malawi le kwa Mozambique. Mokaulengwe mongwe yo neng a thusa mo tirong ya namolo e bong Charles, a re: “Fa ke bona bakaulengwe ba sotlega e bile ba latlhegetswe ke dilo di le dintsi thata, ke ile ka utlwa botlhoko le go kgobega marapo.” Se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore dijonyana tse ba neng ba na le tsone le dijalo tsa bone di ne di gogotswe ke metsi. Batho ba le bantsi ba ile ba latlhegelwa ke magae a bone. Ka maswabi mokaulengwe mongwe o ile a tlhokafalelwa ke mosadi le bana ba babedi ba basetsana, ba ba ileng ba nwela fa mokoro o o neng o ba falotsa o menoga.

Ntlo e senyegileng ya banyalani bangwe ba Basupi kwa Mozambique

Ntlo e e agilweng sesha

 Setsuatsue seo se ne se tshosa. Ka ura ya bongwe ka masa kwa Nchalo kwa Malawi, ba lelapa loora Sengeredo ba ne ba utlwa go suma ga metsi a mantsi go go tshosang. Dinoka tse pedi di ne di penologa! Mokaulengwe Sengeredo o ne a swetsa ka gore ba tshabe ba tswe mo ntlong. E ne e le tshwetso e ntle ka gonne go ise go ye kae morwalela o ne wa diga ntlo ya bone. Dithoto tse dingwe tsa bone di ne di senyegile mme tse dingwe di ne di tsa gogolwa ke metsi. Lelapa leo le ne la swetsa ka gore le ye kwa Holong ya Bogosi, e ka gale go ba tsayang metsotso e le 30 gore ba fitlhe kwa go yone. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlong leno go ne ga ba tsaya diura di le pedi. Ba gorogile ba kolobile e bile ba lapile mme gone ba babalesegile.

 Ofisi ya lekala e e kwa Malawi le e e kwa Mozambique di ile tsa simolola tiro ya namolo ka bonako. Ba ile ba kopa balebedi ba potologo le bagolwane gore ba sekaseke dilo tse bakaulengwe ba ba amegileng ba di tlhokang le gore ba ba thuse ka go ba nonotsha mo tumelong le go ba gomotsa. Go ne ga tlhomiwa Dikomiti Tsa Namolo di le mmalwa gore di etelele pele tiro ya namolo, mme di ile tsa thusa bakaulengwe gore ba bone dijo le dilo tse dingwe tse ba di tlhokang ka bonako. Go ile ga dirisiwa madi a feta R567 000 go thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang mme go ile ga dirisiwa madi a feta R5 669 000 go baakanya le go aga matlo sesha.

 Dikomiti Tsa Namolo di ile tsa dirisa madi sentle mme seo se ne se le botlhokwa ka gonne dilo di ne di tura thata. Ka sekai, mo dikgweding tsa ntlha tse supa tsa tiro ya namolo, bupi jwa phaletšhe bo ile jwa tlhatloga ka diperesente di ka nna 70 kwa Malawi. Tlhwatlhwa ya leokwane le yone e ile ya tlhatloga. E le gore ba se ka ba dirisa madi a le mantsi, bakaulengwe ba ile ba reka dijo le dilo tsa go aga mo mafelong a a gaufi e bile ba di reka ka bontsi. Ka ntlha ya seo, ba ile ba fokolediwa ditlhwatlhwa mo dilong tse ba neng ba di reka mme ba tila go dirisa madi a le mantsi mo dipalangweng.

 Tiro ya namolo e ile ya ama dipelo tsa batho ba ga Jehofa. Mokaulengwe mongwe kwa Mozambique yo o bidiwang Felisberto a re: “Ga ke ise ke ko ke tsamaye ke bone phuthego e e abang thata jaana. E ntshitse dilo tse di agang, dipalangwa, batho ba ba agang le dijo e bile o naya batho kaelo e e lorato. Tiro eno ya namolo e nnile sekao se se molemo sa lorato lwa bokaulengwe lo Jesu a neng a lo tlhalosa mo go Johane 13:34, 35.” Motlholagadi mongwe wa kwa Malawi yo o bidiwang Ester, yo ntlo ya gagwe e neng e senyegile a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko fela thata ka gonne ke ne ke se na madi a go aga ntlo e nngwe. Mme fa bakaulengwe ba ne ke nkagela ntlo, ke ne ke itumetse thata e kete ke setse ke le kwa Paradiseng.”

 Fa re ntse re atamela lefatshe le lesha le le solofeditsweng, re tlile go bona masetlapelo a tlholego a ntse a oketsega. (Mathaio 24:7, 8) Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya meneelo ya lona e lo e ntshang ka bopelotshweu, re tlhatswegile pelo gore batho ba ga Jehofa ba tla bona thuso e ba e tlhokang. Fa o batla go itse gore o ka ntsha moneelo jang, ya kwa donate.pr418.com. Re lebogela bopelotshweu jwa lona.

a Ngwaga wa tirelo wa 2022 o simolotse ka di 1 tsa September, 2021, mme o fedile ka di 31 tsa August , 2022.