Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka fa molemeng: Baithaopi kwa Chile ba thusa banyalani bangwe go baakanya ntlo ya bone e e sentsweng ke molelo. Ka fa mojeng: Bokgaitsadi kwa Nigeria ba amogela dilo tse ba di tlhokang morago ga gore lefelo le ba nnang mo go lone le amiwe ke merwalela

KAFA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Tiro ya Namolo ka 2023—“Re Iponela ka Matlho Gore Eleruri Jehofa O a Re Rata”

Tiro ya Namolo ka 2023—“Re Iponela ka Matlho Gore Eleruri Jehofa O a Re Rata”

JANUARY 26, 2024

 Baebele e ile ya bolelela pele gore mo ‘malatsing a bofelo,’ “setšhaba [se ne] se tla tlhasela setšhaba se sengwe” le gore go ne go tla nna le masetlapelo ka nako eo. (Mathaio 24:3, 7) Boporofeti jono, bo ile jwa diragadiwa ka ngwaga wa tirelo wa 2023. a Le fa gone dintwa le masetlapelo a tlholego di ne di direga mo dinageng di ka nna 100, Basupi ba ga Jehofa bone ba ile ba bontsha lorato fela jaaka Jehofa. Ba ile ba dira seo jang?

 Ka ngwaga wa tirelo wa 2023, bakaulengwe ba ile ba amiwa ke masetlapelo a tlholego kgotsa a a bakilweng ke batho a feta 200. Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse didolara b di feta dimilione di le 10, go tswa mo meneelong ya tiro ya lefatshe lotlhe, go thusa mo tirong ya namolo. Seno se akaretsa le madi a bakaulengwe le bokgaitsadi ba a dirisitseng go thusa ba ba neng ba tlhoka thuso mo mafelong a ba nnang mo go one. Utlwa gore meneelo e ne ya dirisiwa jang go thusa bakaulengwe ba rona mo go mangwe a masetlapelo a a ileng a ba ama.

“Ruri Lorato Lwa Boammaaruri lo Teng”

 Mafelo mangwe a kwa Nigeria a nna a tlhagelwa ke merwalela. Mme gone, merwalela e e diragetseng ka October 2022 e ne ya nna maswe go feta merwalela epe e e ileng ya diragala mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng. Go ile ga senyega masimo a diheketara di feta 676 000, mme batho ba feta dimilione tse pedi ba ile ba tshwanelwa ke go tswa mo magaeng a bone. Ka bonako fela, lekala la Nigeria le ile la tlhoma Komiti ya Namolo gore e rulaganye matsholo a namolo le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi go nonotsa tumelo ya bone.

Bakaulengwe kwa Nigeria ba kgabaganya ditsela tse di sentsweng ke metsi le dinoka tse di tletseng gore ba isetse ba bangwe dilo tse ba di tlhokang

Kafa Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Ileng ba Amega ka Gone

  •   Baboledi ba le 7 505 ba ile ba tswa mo magaeng a bone

  •   Magae a le 860 a ile a senyega

  •   Diholo Tsa Bogosi di le 90 le Holo ya Kopano e le nngwe di ile tsa tlala metsi

Kafa Meneelo e Ileng ya Dirisiwa ka Gone

 Go ile ga dirisiwa madi a a ka nnang didolara di le 250 000 mo tirong ya go namola ba ba amilweng ke masetlapelo a tlholego, go dira dilo tse di latelang:

  •   Go reka dijo tse di jaaka raese, dinawa le makaroni

  •   Go reka dilwana tsa mo ntlong tse di jaaka materase le dinete tsa monang

  •   Go baakanya kgotsa go aga magae a a senyegileng

 Bakaulengwe ba ile ba netefatsa jang gore madi a meneelo a dirisiwa sentle? Tsela nngwe ke ka go sekaseka gore a kago e ka kgona go baakanyega. Fa e le gore kago e tlhokwa go agiwa sesha, e ne e agiwa go dirisiwa mokgwa o o tlwaelegileng wa mo lefelong leo.

 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba boneng thuso ba itumetse fela thata. Kgaitsadi mongwe o ile a re: “Morwalela o ile wa tlhakatlhakanya matshelo a rona ka gonne re ile ra latlhegelwa ke masimo le magae a rona. Re ile ra imologa tota fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tla go re thusa mo go lone letsatsi leo le go re naya marobalo. Ofisi ya lekala e ile ya re thusa fela thata ka go re naya dijo. Re ile ra gakgamadiwa ke go bona Johane 13:34, 35 e diragadiwa mo matshelong a rona. . . . Ruri lorato lwa boammaaruri lo teng. Nna le lelapa la me re leboga go bo bakaulengwe ba ne ba tla go re thusa ka nako e re neng re ba tlhoka ka yone.”

 Batho ba bangwe mo lefelong leo ba ile ba lemoga tiro ya rona ya namolo. Kgosi nngwe kwa motseng wa Sabagreia, o o kwa Bayelsa State, o ile a re: “Go na le dikereke kgotsa mekgatlho e le mentsi mo lefatsheng, mme Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba dirileng seno. . . . Mokgatlho wa lona ke mongwe wa mekgatlho e e e gaisang yotlhe mo lefatsheng.”

“Re Iponela ka Matlho Gore Eleruri Jehofa O a Re Rata”

 Ka February 2023, go ile ga nna le melelo e feta 400 kwa Chile, e e ileng ya baka tshenyo e kgolo. Go ile ga senyega lefatshe la diheketara di feta 430 000 le meago e e botlhokwa fela thata. Batho ba ka nna 8 000 ba ile ba fudusiwa. Morago fela ga masetlapelo ao, ofisi ya lekala e ile ya rulaganya tiro ya namolo.

Kwa Chile, baithaopi ba aga sesha ntlo ya lelapa lengwe e e neng e senyegile

Kafa Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Ileng ba Amega ka Gone

  •   Baboledi ba le 222 ba ile ba fudusiwa

  •   Magae a le 20 a ile a senyega

Kafa Meneelo e Ileng ya Dirisiwa ka Gone

 Go ile ga dirisiwa didolara di feta 200 000 mo tirong ya namolo. Madi ao a ile a dirisediwa:

  •   Go reka dijo le metsi

  •   Go reka leokwane, dilo tsa go phepafatsa le melemo

  •   Go baakanya magae a a senyegileng

 Lelapa lengwe le ne le gakgametse go bona gore dilo tsotlhe tse ba neng ba na le tsone go akaretsa ntlo ya bone le kgwebo, di ne di senyegile. Seno se ne sa dira gore ba se ka ba tlhola ba nna le madi a go itshedisa. Mo malatsing a ntlha, lelapa leo le ne le utlwa botlhoko fela thata fa ba bona lefelo le ntlo ya bone e neng e le mo go lone. Mme fa ba bona ntlo ya bone e agiwa sesha ba ne ba itumela. Lorato lo baithaopi ba ileng ba ba bontsha lone lo ba thusitse gore ba itshoke. Ba lelapa leo ba ile ba amiwa ke seo fela thata mo e leng gore ba ile ba thusa baithaopi go aga ntlo ya mokaulengwe yo mongwe.

 Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba kgatlhiwa ke tiro eo ya namolo. Mokaulengwe mongwe o ne a re: “Thulaganyo ya ga Jehofa ya Dikomiti Tsa Namolo ruri e a kgatlha. Letsatsi fela morago ga masetlapelo ba ne ba setse ba le gone ba re naya dilo tse re di tlhokang. Go a kgothatsa go bala ka tiro ya namolo e e dirwang mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, mme fa seno se go diragalela o anaanela thata se phuthego ya Modimo e se dirang. O itumelela go bona kafa bakaulengwe ba tswelelang ba bontsha dinonofo tsa ga Jehofa ka gone, kafa ba amegang ka gone ka dilo tse re di tlhokang le ka tumelo ya rona le go re thusa gore re nne re ritibetse. Re iponela ka matlho gore eleruri Jehofa o a re rata.”

 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela masetlapelo a tla nna a ntse a oketsega. (Luke 21:10, 11) Le fa go ntse jalo, phuthego ya Bokeresete e re thusa go lemoga gore Kgosi ya rona e e lorato e bong Jesu Keresete, ‘o na le rona malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.’ (Mathaio 28:20) Lo bontsha gore lo ema nôkeng Bogosi Jwa Modimo le Kgosi ya jone e e lorato, ka go ntshetsa tiro e e dirwang lefatshe lotlhe meneelo, lo dirisa donate.pr418.com kgotsa ditsela tse dingwe tse di farologaneng, le e leng ka go dirisa nako le maatla a lona. Re lebogela bopelotshweu jwa lona.

a Ngwaga wa tirelo wa 2023 o simolotse ka di 1 tsa September, 2022, mme o fedile ka di 31 tsa August, 2023.

b Didolara tse go buiwang ka tsone mo setlhogong seno ke didolara tsa America.