Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TLHAGAFALELA BODIREDI

Letsholo la go Tsamaisa Ditaletso Tsa Kopano

Letsholo la go Tsamaisa Ditaletso Tsa Kopano

Ngwaga le ngwaga, re swegaswega pelo go ya go itumelela letlepu la dijo tsa semoya kwa kopanong ya tikologo. Re batla go laletsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng gore le bone ba tle go bona gore Jehofa o molemo. (Pes 34:8) Bagolwane ba tla sekaseka tsela e e molemo ya go anamisa ditaletso.

IKGOPOTSE DINTLHA TSENO

  • Kopano e leng?

  • Letsholo la go tsamaisa ditaletso le simologa leng?

  • Dipokano tsa tirelo ya tshimo di tshwarwa leng?

  • Ke mekgele efe e ke batlang go e fitlhelela ka nako ya letsholo?

  • Ke mang yo ke batlang go mo laletsa?

O TLA E TSAMAISA JANG?

Fa o sena go dumedisa, o ka re:

“Re mo letsholong la lefatshe lotlhe la go laletsa batho go tla tiragalong e e botlhokwatlhokwa. Taletso eno e na le letlha, nako le aterese. Re ka itumelela go go bona o le gone.”

O KA TSOSA JANG KGATLHEGO?

Le fa re batla go laletsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng, re tshwanetse go ela tlhoko ba ba bontshang kgatlhego.

Ka mafelobeke, o ka tsamaisa taletso le dimakasine.