Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Dikgakololo Tsa Kopano

Dikgakololo Tsa Kopano

Jaaka gale ka dinako tsa kopano, re batla go kaelwa ke tsela e re ratang Modimo le baagelani ba rona ka yone. (Mat 22:37-39) Lokwalo lwa 1 Bakorintha 13:4-8 lo tlhalosa ditiro tse di bontshang lorato jaana: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. . . . Ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. . . . Lorato ga lo ke lo fela.” Fa o ntse o lebile bidio ya Dikgakololo Tsa Kopano, akanya ka ditsela tse o ka bontshang ba bangwe lorato ka tsone kwa kopanong.

RE KA BONTSHA LORATO JANG FA . . .

  • re beela ba bangwe ditulo?

  • thulaganyo ya mmino e simologa?

  • re le kwa marobalong?

  • re ithaopela go thusa?