Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOBE 16-20

Kgothatsa ba Bangwe ka Mafoko a a Molemo

Kgothatsa ba Bangwe ka Mafoko a a Molemo

Mafoko a mogakolodi a tshwanetse go nonotsha ba bangwe

16:4, 5

  • Jobe o ne a ngomogile pelo e bile a tlaletswe, ka jalo o ne a tlhoka go kgothadiwa le go tshegediwa

  • Balekane ba bararo ba ga Jobe ga ba a ka ba bua sepe se se mo kgothatsang. Go na le moo, ba ne ba mo latofatsa le go dira gore a tlhobaele le go feta

Mafoko a ga Biledade a a kgobang a ne a dira gore Jobe a utlwe botlhoko

19:2, 25

  • Jobe o ne a kopa Modimo gore a mo thuse ka tsela epe fela—tota le fa e le ka loso

  • Jobe o ne a tlhoma mogopolo mo tsholofetsong ya tsogo ya baswi mme a tswelela a itshokile ka boikanyegi