Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tsela e Ntšha ya go Simolola Dipuisano

Tsela e Ntšha ya go Simolola Dipuisano

Fa e sa le ka January 2016, tsebe ya bofelo ya Tora ya Tebelo ya batho botlhe e ntse e na le setlhogo se se reng “Baebele ya Reng ka Kgang Eno?” Setlhogo seno se sesha se diretswe go re thusa go simolola metlotlo ya Baebele le batho. Se rulagantswe ka tsela e e tshwanang le ya dipampitshana. Go na le potso, karabo e e tswang mo Baebeleng le dintlha tse di oketsegileng tse go ka tlotliwang ka tsone.

Gantsi motlotlo o o monate o felela ka thuto ya Baebele. Dirisa setlhogo seno se sesha go thusa batho ba le bantsi ba ba nyoretsweng boammaaruri.—Mat 5:6.

O KA DIRISA SETLHOGO SENO JANG?:

  1. Botsa mong wa ntlo nngwe ya dipotso

  2. Reetsa karabo ya gagwe o bo o mo akgola

  3. Bala temana e e kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Se Baebele e se Buang?” o bo o mmotsa gore o akanyang ka yone. Fa a na le nako, tswelela ka motlotlo o dirisa ntlha nngwe e e kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Re ka Ithuta Eng Gape mo Baebeleng?”

  4. Mo neye makasine

  5. Rulaganya go boela kwa go ene go ya go sekaseka potso ya bobedi