Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

TSOGANG!

Potso: Gone jaanong difilimi le mananeo a thelebishene a bontsha batho ba ba nang le maatla a a sa tlwaelegang jaaka baloi le di-vampire. A o akanya gore dilo tseno di ntsha motho bodutu fela kgotsa a go na le kotsi nngwe e re sa e lemogeng ka tsone?

Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tsogang! o tlhalosa lebaka la go bo batho ba rata dilo tseno le gore tota di tlhotlhelediwa ke mang.

RUTA BOAMMAARURI

Potso: Bogosi Jwa Modimo bo tla rarabolola jang mathata a lefatshe?

Temana: Mat 6:10

Boammaaruri: Bogosi Jwa Modimo bo tla lere kagiso, tirisanommogo le pabalesego fela jaaka bo dirile kwa legodimong.

BOGOSI JWA MODIMO KE ENG? (Loeto lwa go boela)

Potso: [Umaka potso e e kwa bofelong jwa pampitshana.] Botshelo bo tla nna jang fa Bogosi Jwa Modimo bo busa?

Ditemana: Pes 37:29; Isa 65:21-23

Fa o mo naya kgatiso: [Mmontshe boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo.] Thuto 7 ya boroutšhara jono e tlhalosa kafa ditsholofetso tsa Modimo di tla re solegelang molemo ka gone. [Simolola thuto ya Baebele ka boroutšhara jono.]

ITIRELE PUISANO

Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.