Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Kgona go Kgothatsa Mokeresete yo o Tsidifetseng

O ka Kgona go Kgothatsa Mokeresete yo o Tsidifetseng

Ka Labobedi, April 11, Bakeresete ba le bantsi ba ba tsidifetseng ba tla nna gone kwa Segopotsong. Ba simolotse ba direla Jehofa mme ka ntlha ya mabaka mangwe a a tlhalosiwang mo boroutšhareng jwa Boela Kwa go Jehofa, ba ile ba boela kwa morago. (Bah 12:1) Le fa go ntse jalo, Jehofa o sa ntse a ba tsaya ba le botlhokwa ka gonne o ba rekile ka madi a Morwawe. (Dit 20:28; 1Pe 1:18, 19) Re ka ba thusa jang gore ba boe ba direle Jehofa gape?

Bagolwane ba senka Bakeresete ba ba tsidifetseng e bile ba batla go ba thusa fela jaaka modisa a ka batla go thusa nku ya gagwe e e latlhegileng. (Luk 15:4-7) Seno se bontsha tsela e Jehofa a ba ratang ka yone. (Jer 23:3, 4) Rotlhe re ka kgona go kgothatsa Bakeresete ba ba tsidifetseng. Fa re tsaya matsapa a go bontsha batho bano bopelonomi le kutlwelobotlhoko, seo se tla itumedisa Jehofa e bile go ka nna le diphelelo tse di molemo. (Dia 19:17; Dit 20:35) Ka jalo, akanya ka mongwe yo o ka mo kgothatsang, mme o dire jalo ka bonako!

LEBA BIDIO YA KGOTHATSA BA BA TSIDIFETSENG, O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke eng se Abueng a ile a se dira fa a kopana le Mosupi mongwe yo a sa mo itseng?

  • Ke eng fa re tshwanetse go bua le bagolwane fa re akanyetsa go thusa mongwe yo o tsidifetseng?

  • Abueng o ile a dira eng pele a etela Lesego gape?

  • Abueng o ile a bontsha bopelotelele le lorato jang fa a ntse a kgothatsa Lesego?

  • Re ka ithuta eng mo setshwantshong sa ga Jesu se se mo go Luke 15:8-10?

  • Go nnile le diphelelo dife ka ntlha ya matsapa a phuthego e ileng ya a tsaya go thusa Lesego?