Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 22-24

A o Na le ‘Pelo ya go Itse’ Jehofa?

A o Na le ‘Pelo ya go Itse’ Jehofa?

Jehofa o ne a tshwantsha batho le difeige

24:5

  • Bajuda ba ba ikanyegang ba ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona, ba ne ba tshwana le difeige tse di molemo

24:8

  • Kgosi Sedekia le ba bangwe ba ba neng ba dira dilo tse di bosula, ba ne ba tshwana le difeige tse di bosula

Re ka nna le ‘pelo ya go itse’ Jehofa jang?

24:7

  • Jehofa o tla re naya ‘pelo ya go mo itse’ fa re dirisa se re se ithutang mo Lefokong la gagwe

  • Re tshwanetse go sekaseka se se mo dipelong tsa rona re bo re tlosa maikutlo le dikeletso tse di ka senyang kamano ya rona le Jehofa

Akanya ka seno: A ke na le ‘pelo ya go itse’ Jehofa? Nka nna le yone jang?