Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 25-28

Nna Pelokgale Fela Jaaka Jeremia

Nna Pelokgale Fela Jaaka Jeremia

Jeremia o ne a tlhagisa Baiseraele gore Jerusalema e tla senngwa fela jaaka Shilo

26:6

  • Letlole la kgolagano le le neng le emela bolaodi jwa ga Jehofa le kile la bo le le kwa Shilo

  • Jehofa o ne a letla Bafilisitia gore ba gape Letlole leo mme ga le a ka la boela kwa Shilo

Baperesiti, baporofeti le batho botlhe ba ne ba raya Jeremia ba re ba tlile go mmolaya

26:8, 9, 12, 13

  • Batho ba ne ba tshwara Jeremia ka gonne a ne a porofeta kgatlhanong le Jerusalema le tempele

  • Jeremia ga a ka a ineela a bo a tshaba

Jehofa o ne a sireletsa Jeremia

26:16, 24

  • Jeremia o ne a tswelela a le pelokgale mme Jehofa ga a ka a mo latlha

  • Ahikame o ne a le pelokgale mme Modimo o ne a mo dirisa gore a sireletse Jeremia

Jeremia o ne a kgona go rera molaetsa wa katlholo ka dingwaga di le 40 ka gonne Jehofa a ile a mo ema nokeng le go mo kgothatsa