Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 17-21

Letla Jehofa Gore a Bope Dikakanyo le Ditiro Tsa Gago

Letla Jehofa Gore a Bope Dikakanyo le Ditiro Tsa Gago

Letla Jehofa gore a go bope

18:1-11

  • Jehofa o re thusa go tokafatsa dinonofo tsa rona ka go re gakolola le go re kgalemela

  • Re tshwanetse go mo letla gore a re bope

  • Le ka motlha Jehofa ga a re pateletse go dira dilo tse re sa batleng go di dira

Mmopi wa letsopa a ka nna a dira se a se batlang ka letsopa la gagwe

  • Jehofa o re neile tshwanelo ya go itlhophela gore a re tla letla gore e nne ene a re bopang

  • Jehofa o fetola tsela e a dirisanang le batho ba gagwe ka yone go ikaegile ka gore motho o tsibogela kaelo ya gagwe jang

Ke tlhoka Jehofa gore a nthuse ka ditsela dife?