Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tlhopha go Rutwa ke Jehofa

Tlhopha go Rutwa ke Jehofa

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Ga go na ope yo o ka re rutang go gaisa Motlhatlheledi wa Rona yo Mogolo, Jehofa. O re ruta gore re tshele jang, e bile o re baakanyetsa nako e re tla bong re tshela ka yone mo paradaiseng mme o dira seno mahala. (Isa 11:6-9; 30:20, 21; Tsh 22:17) Gape Jehofa o re ruta go bolelela ba bangwe se re se ithutileng.—2Bak 3:5.

SE O KA SE DIRANG:

  • Nna motho yo o bonolo le yo o boikokobetso.—Pes 25:8, 9

  • Amogela tsela e Jehofa a e dirisang go go ruta gone jaanong. Ka sekai, dira dikabelo tse o di newang kwa pokanong ya Botshelo le Bodiredi

  • Akanya ka ditsela tse o ka direlang Jehofa ka tsone mo go oketsegileng o bo o dira dithulanganyo tse di tla go thusang go dira jalo.—Baf 3:13

  • Itime dilo dingwe gore o kgone go ya dikolong tsa Bogosi.—Baf 3:8

LEBANG BIDIO YA MASEGO A GO RUTWA KE JEHOFA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke dikgwetlho dife tse baboledi bangwe ba nnileng le tsone gore ba kgone go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi?

  • Melemo ya go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi ke eng?

  • Maloko a phuthego a thusitse jang ba ba alogileng?

  • Go tlhokega eng gore baboledi ba kgone go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi? (kr 189)

  • Ke dikolo dife tse dingwe tse o ka yang kwa go tsone?

Jehofa o tla go segofatsa jang fa o kgaratlhela go ya dikolong tsa Bogosi?