Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Ipaakanyetsa Segopotso Jang?

O ka Ipaakanyetsa Segopotso Jang?

Go simologa ka ngwaga ono, re tla nna le nako e ntsi ya go ipaakanyetsa letsatsi la Segopotso. Fa letsatsi la Segopotso le wela mo gare ga beke, dipokano tsa Botshelo le Bodiredi ga di kitla di tshwarwa ka beke eo. Fa letsatsi la Segopotso le wela mo mafelo bekeng, puo ya phatlalatsa le Thuto ya Tora ya Tebelo ga di kitla di tshwarwa ka beke eo. E re ka o tla bo o na le nako e ntsi, o tla e dirisa jang? Fela jaaka Bakeresete ba ntlha ba bogologolo ba ne ba dira dithulaganyo pele ga letsatsi leno la botlhokwa, le rona re tshwanetse go dira jalo. (Luk 22:7-13; km 3/15 1) Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe gape tse re tshwanetseng go di dira gore letsatsi leno le re solegele molemo. Ke dilo dife tseo?

  • Akanya ka botlhokwa jwa go nna gone kwa Segopotsong.—1Bak 11:23-26

  • Rapela o bo o akanya ka kamano ya gago le Jehofa.—1Bak 11:27-29; 2Bak 13:5

  • Bala Baebele le dikgatiso tse di buang ka Segopotso o bo o akanya ka dilo tse o di ithutileng mo go tsone.—Joh 3:16; 15:13

Baboledi ba le bantsi ba bala Mmalo wa Baebele wa Segopotso o o mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe ba bo ba akanya ka se ba se ithutileng. Ba bangwe ba bala ditemana ba dirisa thulaganyo e e tlhagang fa tlase fano. Ba bangwe ba bala ditlhogo tse di mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo tse di buang ka Segopotso le tse di buang ka tsela e Jehofa le Jesu ba re ratang ka yone. Thulaganyo epe fela e o e dirisang, e tla go thusa gore o atamalane le Jehofa le Morwawe.