Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Ka se Buang mo Bodireding

Se re Ka se Buang mo Bodireding

●○○ LOETO LWA NTLHA

Potso: Jesu e ne e le mang?

Temana: Mat 16:16

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu a ile a swa?

○●○ FA O BOA LEKGETLO LA NTLHA

Potso: Goreng Jesu a ile a swa?

Temana: Mat 20:28

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Re ka dira eng go bontsha gore re lebogela go bo Jesu a ile a re swela?

○○● FA O BOA LEKGETLO LA BOBEDI

Potso: Re ka dira eng go bontsha gore re lebogela go bo Jesu a ile a re swela?

Temana: Joh 17:3

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Basupi ba ga Jehofa ba ithuta jang ka Modimo le Jesu Keresete fa ba kopane mmogo?

LETSHOLO LA GO LALETSA BATHO GO TLA SEGOPOTSONG (March 23–April 19):

Re laletsa batho go tla go gopola le rona loso lwa ga Jesu Keresete ka Labotlhano, April 19. Taletso ya gago ke eno. Mo letsatsing leo, batho ba ka nna dimilione mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba kopane mmogo go gopola loso lwa ga Jesu Keresete. Taletso eno e na le nako le lefelo le re tla kopanelang kwa go lone. Gape beke pele ga Segopotso, go tla tlotliwa ka setlhogo se se reng, “Dira ka Natla Gore o Bone Botshelo Jwa Mmatota!”

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu ile a swa?