Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Ka se Buang mo Bodireding

Se re Ka se Buang mo Bodireding

●○○ LOETO LWA NTLHA

Potso: Ke eng fa Modimo a ile a bopa batho?

Temana: Ge 1:28

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Re itse jang gore Modimo o tlile go dira se a neng a se ikaeletse?

○●○ FA O BOA LEKGETLO LA NTLHA

Potso: Re itse jang gore Modimo o tlile go dira se a neng a se ikaeletse?

Temana: Isa 55:11

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Botshelo bo tla nna jang fa Modimo a sena go diragatsa se a se ikaeletseng?

○○● FA O BOA LEKGETLO LA BOBEDI

Potso: Botshelo bo tla nna jang fa Modimo a sena go diragatsa se a se ikaeletseng?

Temana: Pes 37:10, 11

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Fa e le gore re batla go bona Modimo a diragatsa se a neng a se ikaeletse, re tshwanetse go dira eng?

LETSHOLO LA GO LALETSA BATHO GO TLA SEGOPOTSONG (March 14–April 7):

“Re go laletsa go tla tiragalong ya botlhokwa e batho ba le bantsi ba tla bong ba le kwa go yone. Re tla bo re gopola loso lwa ga Jesu.” Naya mong wa ntlo taletso. “Taletso eno e na le nako le lefelo le re tla kopanelang kwa go lone. Gape re go laletsa go tla go reetsa puo e e kgethegileng e e tla tshwarwang ka Sontaga pele ga letsatsi la go gopola loso lwa ga Jesu.”

Potso E lo Ka Tlotlang ka Yone fa o Boa: Goreng Jesu a ile a swa?