Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

April 13-19

GENESISE 31

April 13-19
  • Pina 112 le Thapelo

  • Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

  • Jakobe le Labane ba Dira Kgolagano ya Kagiso”: (10 mets.)

    • Ge 31:44-46—Jakobe le Labane ba ile ba dira mokoa wa maje ba bo ba jela dijo mo go one le go bontsha gore ba dirile kgolagano (it-1-E 883 ¶1)

    • Ge 31:47-50—Ba ile ba bitsa lefelo leo Galeede le Tora ya Tebelo (it-2-E 1172)

    • Ge 31:51-53—Ba ile ba solofetsana gore malapa a bone ga a kitla a lwantshana

  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)

    • Ge 31:19—Goreng Ragele a ile a utswa medingwana ya disetwa ya terafime e e neng e le ya ga rraagwe? (it-2-E 1087-1088)

    • Ge 31:41, 42—Re ka etsa jang sekao sa ga Jakobe fa go le thata go itumedisa bathapi ba rona? (1Pe 2:18; w13 3/15 21 ¶8)

    • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa Modimo, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?

  • Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ge 31:1-18 (th thuto 10)

TLHAGAFALELA BODIREDI

  • Bidio ya Loeto Lwa Ntlha: (4 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang: Kgaitsadi yone o tlhalositse temana eno sentle jang? Ke eng se a ileng a se dira gore a kgone go boela mong wa ntlo?

  • Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang motho yo o buang sengwe go lo thibela go rera. (th thuto 4)

  • Loeto Lwa Ntlha: (5 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Go tswa foo, naya mong wa ntlo boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo o bo o simolola thuto ya Baebele le ene mo go thuto 5. (th thuto 8)

BOTSHELO JWA BOKERESETE