Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

April 20-26

GENESISE 32-33

April 20-26
  •  Pina 21 le Thapelo

  • Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

  • A o Lwela go Segofadiwa?”: (10 mets.)

    • Ge 32:24—Jakobe o ile a lwantsha moengele (w03 8/15 25 ¶3)

    • Ge 32:25, 26—Jakobe ga a ka a ineela, o ne a tswelela a lwa le moengele go fitlha a mo segofatsa (it-2-E 190)

    • Ge 32:27, 28—Jakobe o ne a segofadiwa ka gonne o ne a sa ineele (it-1-E 1228)

  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)

    • Ge 32:11, 13-15—Re ka etsa Jakobe jang ka go tsaya matsapa go dira kagiso le batho ba bangwe? (w10 6/15 22 ¶10-11)

    • Ge 33:20—Goreng Jakobe a ne a bitsa sebeso a re ke “Modimo yo e leng Modimo wa Iseraele”? (it-1-E 980)

    • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa Modimo, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?

  • Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ge 32:1-21 (th thuto 5)

TLHAGAFALELA BODIREDI

  • Bidio Ya fa O Boa Lekgetlo la Ntlha: (5 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang: Tlotlo o ile a bontsha jang gore dilo tse a buang ka tsone di boammaaruri e bile ke tse di tlhatswang pelo? Tlotlo le Kitso ba ne ba dirisana jang fa ba ntse ba rera?

  • Fa o Boa Lekgetlo la Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. (th thuto 12)

  • Fa o Boa Lekgetlo la Ntlha: (5 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Go tswa foo, buelela bidio ya, Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang? lo bo lo tlotla ka yone mme o se ka wa e tshameka. (th thuto 16)

BOTSHELO JWA BOKERESETE