Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 32-33

A o Lwela go Segofadiwa?

A o Lwela go Segofadiwa?

32:24-28

Fa re batla gore Jehofa a re segofatse re tshwanetse go bontsha gore re tsaya go mo direla e le selo sa botlhokwa mo botshelong jwa rona. (1Bak 9:26, 27) Jakobe ga a ka a ineela fa a ne a lwa le moengele wa Modimo. Ka jalo, le rona re kgona go bontsha gore re batla go segofadiwa ke Jehofa ka go dira dilo tse di latelang . . .

  • Go baakanyetsa dipokano

  • Go ya bodireding ka metlha

  • Go leka ka natla go thusa ba bangwe mo phuthegong

Le fa maemo a gago a ka tswa a le thata jang, kopa Jehofa gore a go thuse ka dinako tsotlhe mme lwela gore a go segofatse ka go mo direla.

AKANYA KA POTSO ENO: ‘Nka tokafatsa botshelo jwa me jang gore Jehofa a tle a ntshegofatse?’