Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

“Tlosang Medimo e e Sele”

“Tlosang Medimo e e Sele”

Jakobe o ne a itse gore Jehofa o tshwanetse go obamelwa a le nosi e bile a ikanyege mo ene, le fa Jehofa a ne a ise a ntshe molao ope o o buang ka medingwana. (Ek 20:3-5) Morago ga gore Jehofa a bolelele Jakobe gore a boele kwa Bethele, Jakobe o ne a bolelela batho botlhe gore ba tlise medingwana kwa go ene. Mme Jakobe o ne a latlha medingwana eo le manyena a ba ka tswa ba a dirisetsa go itshireletsa mo boloing. (Ge 35:1-4) Mme Jehofa o ne a itumetse fa Jakobe a ne a dira seno.

Re ka bontsha jang gore re obamela Jehofa fela a le nosi le gore re a ikanyega mo go ene? Re ka dira seno ka go tila sengwe le sengwe se se amanang le medingwana kgotsa bodimona. Seno se raya gore re tla latlha sengwe le sengwe se se amanang le boloi le go ela tlhoko gore ke dilo dife tse re itlosang bodutu ka tsone. Ka sekai, akanya ka dipotso tseno: ‘A ke kgatlhiwa ke dibuka kgotsa difilimi tse di nnang le di-vampire, di-zombie kgotsa bodimona? A dilo tse ke di lebang di bontsha boselamose, go konopa kgotsa go hutsa e le dilo tse di sa reng sepe?’ Re tshwanetse go tlhoa dilo tse Jehofa a di tlhoileng.—Pes 97:10.

LEBANG BIDIO YA, GANETSANG DIABOLO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Palesa o ile a kopana le bothata bofe?

  • Goreng o tshwanetse go kopa thusa mo bagolwaneng fa o na le bothata jwa madimona kgotsa motho yo o mo itseng a na le bothata joo?

  • Ganetsa Diabolo mme o atamalane le Modimo.—Jak 4:7, 8

    Fa re batla gore Jehofa a re sireletse, ke dilo dife tse re tshwanetseng go kgaogana le tsone?

  • Ke eng se Palesa a ileng a se dira?

  • O ka tila jang bodimona mo lefelong le o nnang mo go lone?