Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang

TSOGANG!

Potso: A bona go le botlhokwa gore motho a itirele thulaganyo e e molemo gore a nne le mekgwa e e siameng?

Temana: Mor 7:8a

Fa o mo naya kgatiso: Ditlhogo tseno di tlotla ka melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go nna le mekgwa e e ka re solegelang molemo.

TSOGANG!

Potso: Diphetogo tsa botshelo ga di fele. O akanya gore ke tsela efe e e botoka ya go lepalepana le tsone?

Temana: Mor 7:10

Fa o mo naya kgatiso: [Mmontshe setlhogo se se mo tsebe 10.] Setlhogo seno se bua ka melaometheo ya Baebele e e ka re thusang go lebana le diphetogo.

REETSA MODIMO MME O TSHELELE RURI

Potso: Mongwe le mongwe o na le leina, go akaretsa ba lelapa le ditsala. Jaanong go tweng ka Modimo? Leina la gagwe ke mang?

Temana: Pes 83:18

Fa o mo naya kgatiso: Boroutšhara jono bo tlhalosa dilo tse dingwe tse re di ithutang mo Baebeleng ka Modimo. [Mmontshe tsebe 6 le 7.]

ITIRELE PUISANO

Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.