Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Letsholo le le Kgethegileng la go Tsamaisa Tora ya Tebelo ka September

Letsholo le le Kgethegileng la go Tsamaisa Tora ya Tebelo ka September

Batho mo lefatsheng ba tlhoka go gomodiwa. (Mor 4:1) Ka kgwedi ya September, re tlile go tsamaisa makasine wa Tora ya Tebelo o o tla bong o bua ka kgomotso. Anamisa makasine ono ka mo go ka kgonegang ka teng. Le fa go ntse jalo, ga re kitla re tlogela makasine ono kwa matlong a go se nang batho kwa go one ka gonne re batla go bua le bone gore re kgone go ba gomotsa.

SE O KA SE BUANG

“Rotlhe re tlhoka go gomodiwa ka dinako dingwe. Mme gone re ka bona kgomotso kae? [Bala 2 Bakorintha 1:3, 4.] Makasine ono wa Tora ya Tebelo o bua ka tsela e Modimo a re gomotsang ka yone.”

Fa motho a bontsha kgatlhego a bo a amogela makasine, . . .

MMONTSHE BIDIO YA KE ENG FA O TSHWANETSE GO ITHUTA BAEBELE?

Mmolelele gore o ka rata go ithuta Baebele le ene.

THAYA MOTHEO WA LOETO LWA GO BOELA

Mo tlogele ka potso e o tla e arabang fa o boa, e e jaaka “Goreng Modimo a letleletse pogo?