Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 14-15

Jesu o Ile a Fepa Batho ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa

Jesu o Ile a Fepa Batho ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa

Pele ga Tlolaganyo ya ngwaga wa 32, Jesu o ne a dira kgakgamatso e Diefangele tsotlhe tse nnê di buang ka yone.

Jesu o ile a dirisa barutwa ba gagwe go fepa boidiidi jwa batho mme o sa ntse a dirisa mokgwa oo le gompieno.

14:16-21

  • Le fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba na le dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi fela, Jesu o ile a ba laela gore ba fepe boidiidi jwa batho ka tsone

  • Fa Jesu a sena go rapelela dijo, o ile a di naya barutwa ba gagwe gore ba di neye batho

  • Se se gakgamatsang ke gore dijo tseno di ile tsa lekana batho botlhe. Jesu o ile a dirisa barutwa ba gagwe go fepa batho ba le bantsi

  • Jesu o ile a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, o tla tlhopha tsela ya go re naya “dijo ka nako e e tshwanetseng.”—Mat 24:45

  • Ka 1919, o ile a tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” e leng setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba “okamele ba ntlo ya gagwe”

  • Fa Jesu a ne a tlhoma setlhotswana seno sa Bakeresete ba ba tloditsweng, o ne a latela mokgwa o a ileng a o dirisa fa a ne a fepa batho ka tsela ya kgakgamatso

Nka bontsha jang gore ke tlotla tsela e Jesu a e dirisang go tlhokomela batho ba gagwe gompieno?