Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

“Tlotla Rrago le Mmago”

“Tlotla Rrago le Mmago”

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a re: “Tlotla rrago le mmago.” (Ek 20:12; Mat 15:4) Go ne go tshwanela gore a bue jalo ka gonne o ne a “tswelela a le mo taolong” ya batsadi ba gagwe fa a ne a le mosha. (Luk 2:51) Pele ga a swa, o ne a tlhomamisa gore mmaagwe o tla sala a tlhokometswe ke mongwe.—Joh 19:26, 27.

Gompieno bana ba Bakeresete ba ba ikobelang batsadi ba bone le go ba reetsa fa ba bua, ba bontsha gore ba a ba tlotla. Boammaaruri ke gore, le fa re godile re tshwanetse go tswelela re tlotla batsadi ba rona. Le fa ba setse ba tsofetse, re sa ntse re ka solegelwa molemo ke kgakololo ya bone. (Dia 23:22) Gape re bontsha gore re tlotla batsadi ba rona ka go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (1Ti 5:8) Le fa re ka tswa re le bana kgotsa re le bagolo, re ba bontsha tlotlo fa re dirisana sentle le bone.

LEBA BIDIO YA NKA BUA JANG LE BATSADI BA ME? GO TSWA FOO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Goreng go ka nna thata go bua le batsadi ba gago?

  • O ka bontsha jang gore o tlotla batsadi ba gago fa o bua le bone?

  • Goreng go thusa go leka go bua le batsadi ba gago? (Dia 15:22)

    Go bua le batsadi ba gago go tla go thusa mo botshelong