February 19-25
MATHAIO 16-17
Pina 57 le Thapelo
Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“A o Akanya Dikakanyo Tsa Modimo Kgotsa Tsa Batho?”: (10 mets.)
Mat 16:21, 22—Petere o ile a letla gore maikutlo a gagwe a tlhotlheletse tsela e a akanyang ka yone (w07 2/15 17 ¶17)
Mat 16:23—Petere o ne a sa lebe dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone (w15 5/15 7-8 ¶16-17)
Mat 16:24—Bakeresete ba tshwanetse go letla Modimo gore e nne ene a ba kaelang mo botshelong (w06 4/1 23 ¶9)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)
Mat 16:18—Lefika le Jesu a ileng a agela phuthego ya Bokeresete mo go lone e ne e le mang? (“O Petere, mme mo lefikeng leno,” “phuthego”—dintlha tseno di tlhaga fa thoko fa o tobetsa Mat 16:18 mo Baebeleng ya Study Edition)
Mat 16:19—“Dilotlolo tsa bogosi jwa magodimo” tse Jesu a ileng a di naya Petere e ne e le eng? (“dilotlolo tsa bogosi jwa magodimo”—ntlha eno e tlhaga fa thoko fa o tobetsa Mat 16:19 mo Baebeleng ya Study Edition)
Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?
Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Mat 16:1-20
TLHAGAFALELA BODIREDI
Loeto Lwa Ntlha: (2 mets. kgotsa kwa tlase) Simolola ka go dirisa dintlha tsa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang motho yo o buang sengwe se batho ba tshimo ya lona ba ratang go se bua fa ba leka go thibela Basupi go ba rerela.
Fa o Boa Lekgetlo la Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa dintlha tsa karolo ya se re ka se buang mo bodireding.
Bidio Ya fa O Boa Lekgetlo la Bobedi: (5 mets.) Tshameka bidio lo bo lo tlotla ka yone.
BOTSHELO JWA BOKERESETE
Pina 94
“Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Dirisa Dipotso fa re Ruta”: (15 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio ya Dira Tiro e Jesu a Neng a e Dira—Ruta.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) lv kgao. 4, ser 12-21 le lebokoso la setlhogo se se reng “Ke Tshwanetse go Ikobela Taolo ya ga Mang?”
Tshobokanyo ya Pokano le go Sekaseka ya Beke e e Tlang (3 mets.)
Pina 88 le Thapelo