Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 18-19

Tila Dilo Tse di ka Dirang Gore o Kgotšwe le go Kgopisa ba Bangwe

Tila Dilo Tse di ka Dirang Gore o Kgotšwe le go Kgopisa ba Bangwe

Jesu o ne a ruta a dirisa ditshwantsho go thusa batho go tlhaloganya gore go kgotšwa kgotsa go kgopisa ba bangwe ke kgang e e masisi.

18:6, 7

  • “Sekgopi” ke sengwe kgotsa boemo bongwe jo bo dirang gore motho a feleletse a dirile sengwe se se phoso kgotsa a tlodile molao wa Modimo

  • Jesu a re go botoka gore motho yo o kgopisang ba bangwe a tsenngwe leje le legolo mo thamong a bo a latlhelwa mo lewatleng

Lelwala

18:8, 9

  • Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore fa go na le sengwe se se dirang gore ba kgotšwe, go botoka go se kgaola, le fa go ka direga e bo e le seatla kgotsa leitlho

  • Go botoka go latlhegelwa ke sengwe se o se tsayang se le botlhokwa o bo o kgona go tsena mo Bogosing Jwa Modimo, go na le go tshela ka sone o bo o feleletsa o le kwa Gehena

Ke eng se se ka dirang gore ke kgotšwe, mme nka tila jang go kgopisa ba bangwe?