Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 25

“Nnang lo Disitse”

“Nnang lo Disitse”

25:1-12

Fa Jesu a ne a dira setshwantsho seno o ne a se lebisitse mo Bakereseteng ba ba tloditsweng mme molaetsa wa sone o ama Bakeresete botlhe. (w15 3/15 9-14) O ne a re: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le ura.” (Mat 25:13) A o kgona go tlhalosa setshwantsho seno sa ga Jesu?

  • Monyadi (temana 1)—Jesu

  • Makgarebane a a botlhale a a neng a ipaakantse (temana 2)—Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ipaakanyeditseng go dira kabelo ya bone le go phatsima jaaka masedi mo lefatsheng go fitlha kwa bokhutlong (Baf 2:15)

  • Ga goelediwa go twe: “Monyadi ke yoo!” (temana 6)—Sesupo sa go tla ga ga Jesu

  • Makgarebane a dieleele (temana 8)—Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba yang go kgatlhantsha Monyadi mme ba sa nne ba disitse e bile ba sa ikanyege

  • Makgarebane a a botlhale a ile a gana ka lookwane (temana 9)—Morago ga go tshwaiwa labofelo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ka se thuse batho ba ba neng ba sa ikanyege

  • “Monyadi a goroga” (temana 10)—Jesu o tla tla go atlhola batho go ela kwa bofelong jwa pitlagano e kgolo

  • Makgarebane a a botlhale a tsena mo moketeng wa lenyalo mme dikgoro di a tswalwa (temana 10)—Jesu o phuthela batlodiwa ba ba ikanyegang go ya kwa legodimong mme batlodiwa ba ba sa ikanyegeng ba latlhegelwa ke tshiamelo ya go ya legodimong