Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Ruta Moithuti go Baakanyetsa

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Ruta Moithuti go Baakanyetsa

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Fa batho ba re ithutang Baebele le bone ba baakanyetsa, ba kgona go tlhaloganya le go gopola dilo tse ba di ithutang. Seo se tla dira gore ba gatele pele ka bonako. Le fa ba sena go kolobediwa, ba tlhoka go tswelela ba baakanyetsa dipokano le bodiredi jwa tshimo gore ba ‘nne ba disitse.’ (Mat 25:13) Ka jalo, go nna le thulaganyo ya go ithuta go tla ba thusa mo botshelong. Fa re simolola go ithuta le motho, re tshwanetse go mo tlwaetsa gore a baakanyetse pele re tla go tshwara thuto ya Baebele le ene.

SE O KA SE DIRANG:

  • Mo tlhomele sekao se se molemo. (Bar 2:21) Baakanyetsa o akantse ka ene. (km 11/15 3) Mmontshe gore o tshwaile dintlha jang

  • Mo kgothaletse gore a baakanyetse. Pele o simolola go ithuta le motho, mo tlhalosetse gore go baakanyetsa ke karolo ya botlhokwa ya thuto ya lona le go mmontsha melemo ya go dira jalo. Mo neye dikakantsho tsa gore a ka beela jang nako kwa thoko gore a kgone go baakanyetsa. Baboledi bangwe ba naya baithuti ba bone dibuka tsa bone tse ba di tshwaileng go thusa moithuti gore a bone melemo ya go baakanyetsa. Mo akgole fa a baakanyeditse

  • Mmontshe gore a baakanyetse jang. Baboledi bangwe ba dirisa kgaolo ya ntlha go bontsha moithuti gore go baakanyediwa jang