Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

March 5-11

MATHAIO 20-21

March 5-11
  • Pina 153 le Thapelo

  • Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

  • Le fa E le Mang yo o Batlang go Nna Mogolo mo go Lona o Tshwanetse go Nna Modiredi wa Lona”: (10 mets.)

    • Mat 20:3—Bakwadi le Bafarasai ba ne ba ikgogomosa e bile ba rata go bonwa le go dumedisiwa “kwa marekisetsong” (“Marekisetso”—setshwantsho seno se tlhaga fa thoko fa o tobetsa Mat 20:3 mo Baebeleng ya Study Edition)

    • Mat 20:20, 21—Baaposetoloi ba babedi ba ile ba kopa gore ba newe maemo a a kwa godimo (“mmaagwe bomorwa Sebede,” “yo mongwe kafa seatleng sa gago sa moja mme yo mongwe kafa go sa molema”—dintlha tseno di tlhaga fa thoko fa o tobetsa Mat 20:20, 21 mo Baebeleng ya Study Edition)

    • Mat 20:25-28—Jesu o ile a re balatedi ba gagwe ba tshwanetse go nna boikokobetso le go nna badiredi (“modiredi,” “e seng go direlwa, fa e se go direla”—dintlha tseno di tlhaga fa thoko fa o tobetsa Mat 20:26, 28 mo Baebeleng ya Study Edition)

  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)

    • Mat 21:9—Fa batho ba ne ba goa ba re: “Boloka Morwa Dafide, re a rapela!” ba ne ba kayang? (“Boloka . . . re a rapela,” “Morwa Dafide”—dintlha tseno di tlhaga fa thoko fa o tobetsa Mat 21:9 mo Baebeleng ya Study Edition)

    • Mat 21:18, 19—Goreng Jesu a ile a dira gore setlhare sa mofeige se omelele? (jy-E 244 ¶4-6)

    • Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?

    • Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?

  • Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Mat 20:1-19

TLHAGAFALELA BODIREDI

  • Bidio ya Loeto Lwa Ntlha: (4 mets.) Tshameka bidio lo bo lo tlotla ka yone.

  • Fa o Boa Lekgetlo la Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa dintlha tsa karolo ya se re ka se buang mo bodireding.

  • Thuto ya Baebele: (6 mets. kgotsa kwa tlase) lv 36-37 ¶3-4

BOTSHELO JWA BOKERESETE

  • Pina 122

  • Dilo Tse Phuthego ya Lona e Tlhokang go di Ela Tlhoko: (5 mets.)

  • Se Phuthego ya Modimo e se Fitlheletseng: (10 mets.) Tshameka bidio ya March ya Se Phuthego ya Modimo e se Fitlheletseng.

  • Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) lv Dintlha Tse di Oketsegileng tsa setlhogo se se reng “Go Rwala mo Tlhogong—Go Tlhokega Leng Mme ka Ntlha Yang?

  • Tshobokanyo ya Pokano le go Sekaseka ya Beke e e Tlang (3 mets.)

  • Pina 145 le Thapelo