Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Ka se Buang mo Bodireding

Se re Ka se Buang mo Bodireding

●○○ LOETO LWA NTLHA

Letsholo la go Laletsa Batho go Tla Segopotsong (March 3-31): Re kopa go go laletsa go tla kwa tiragalong ya botlhokwa thata. Taletso ya gago ke eno. Ka Matlhatso, March 31, batho mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba kopane mo mafelong a a farologaneng go tla go gopola loso lwa ga Jesu Keresete. Taletso eno e na le nako le lefelo le re tla kopanelang mo go lone. Re go laletsa gape gore o tle go utlwa puo e e tla neelwang beke pele ga Segopotso. Setlhogo sa yone se a re: “Totatota Jesu Keresete ke Mang?”

Fa a Kgatlhega, Botsa Potso Eno: Goreng Jesu a ne a tshwanetse go swa?

○●○ FA O BOA LA NTLHA

Potso: Goreng Jesu a ne a tshwanetse go swa?

Temana: Mat 20:28

Potso e lo ka tlotlang ka yone fa o boa: Loso lwa ga Jesu lo ile lwa fitlhelela eng?

○○● FA O BOA LA BOBEDI

Potso: Loso lwa ga Jesu lo ile lwa fitlhelela eng?

Temana: Bar 6:23

Potso e lo ka tlotlang ka yone fa o boa: Re ka bontsha jang gore re lebogela setlhabelo sa ga Jesu?