Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Thusa Batho go Nna Barutwa

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Thusa Batho go Nna Barutwa

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Jehofa o thusa batho gore ba itse boammaaruri le gore bo gole mo dipelong tsa ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit 13:48; 1Bak 3:7) Re dira mmogo le Jehofa mo bodireding ka go thusa batho ba ba batlang go dirisa se ba se ithutileng. (1Bak 9:26) Batho ba re ba rutang Baebele ba tlhoka go itse botlhokwa jwa go kolobediwa gore ba kgone go bolokwa. (1Pe 3:21) Fa re dira gore e nne barutwa, re ba thusa go dira diphetogo mo matshelong a bone. Gape re ba thusa gore ba rere, ba rute ba bangwe le gore ba ineele mo go Jehofa.—Mat 28:19, 20.

SE O KA SE DIRANG:

  • Gopotsa batho ba o ba rutang Baebele gore lebaka la go bo ba ithuta ke gore ba itse Jehofa le gore ba mo itumedise.—Joh 17:3

  • Ba thuse go gatela pele mo phuthegong ka go dira gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse ba lebanang le tsone jaaka go tlogela mekgwa e e sa siamang le ditsala tse di sa siamang

  • Pele ba kolobediwa le fa ba sena go kolobediwa, ba nonotshe le go ba kgothatsa.—Dit 14:22

LEBA BIDIO YA JEHOFA MODIMO WA GAGO O TLA GO EMA NOKENG, O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke dilo dife tse di ka dirang gore motho a tshabe go ineela le go kolobediwa?

  • Bagolwane ba ka thusa jang batho ba ba ithutang Baebele gore ba gatele pele mo phuthegong?

  • Isaia 41:10 e re ruta eng ka Jehofa?

  • Ke dinonofo dife tse di ka re thusang gore re direle Jehofa ka tsela e a e batlang le fa re sa itekanela

Re dira mmogo le Jehofa jang go thusa batho gore e nne barutwa?