Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Botshelo jo bo Monate Tota

Botshelo jo bo Monate Tota

Basha ba bulegetswe ke ditshono tse dintsi mo phuthegong ya Modimo. Leba bidio ya Botshelo jo bo Monate Tota mme o bone gore Cameron o ne a dirisa jang malatsi a gagwe a bosha ka botlhale. Go tswa foo araba dipotso tse di fa tlase. (Tsena mo jw.org/tn o bo o leba DITHUTO TSA BAEBELE > BASHA.)

  • Ke eng se se sa bolong go nna selo sa botlhokwa mo botshelong jwa ga Cameron?

  • O ile a swetsa leng le gone jang gore o tla oketsa bodiredi jwa gagwe?

  • O ne a ipaakanyetsa jang go ya go direla kwa nageng e go neng go na le tlhokego kwa go yone?

  • Cameron o ne a lebana le dikgwetlho dife fa a ntse a direla kwa nageng e e kgakala?

  • Goreng go ka nna molemo go ya go direla Jehofa kwa lefelong le o iseng o ko o direle kwa go lone?

  • Cameron o ile a nna le masego afe?

  • Goreng go direla Jehofa go dira gore o tshele botshelo jo bo monate tota?

  • Ditshono tse dingwe tse di bulegetseng basha mo phuthegong ya ga Jehofa ke dife?