Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Nna o Letile ka Tlhoafalo Mme o Itshokile

Nna o Letile ka Tlhoafalo Mme o Itshokile

O na le lobaka lo lo kae o letetse Bogosi Jwa Modimo? A o ntse o letile mme gone o le pelotelele fa o kopana le diteko? (Bar 8:25) Go na le Bakeresete ba ba kopanang le diteko tse di jaaka go tlhoiwa, go sotliwa, go tsenngwa mo kgolegelong le e leng go tshosediwa ka loso. Ba bangwe ba na le malwetse a a sa foleng kgotsa ba setse ba tsofetse.

Ke eng se se ka re thusang gore re nne re letile ka tlhoafalo le fa re kopana le diteko? Re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona ka go bala Baebele le go tlhatlhanya ka dilo tse re di balang. Ga re a tshwanela go latlhegelwa ke tsholofelo. (2Bak 4:16-18; Bah 12:2) Re tshwanetse go isa mekokotlelo ya rona kwa go Jehofa le go mo kopa gore a re neye moya o o boitshepo. (Luk 11:10, 13; Bah 5:7) Rraarona yo o kwa legodimong o kgona go re thusa gore re ‘itshoke ka botlalo le gore re itshware ka bopelotelele ka boipelo.’—Bak 1:11.

LEBANG BIDIO YA ‘TABOGA KA BOITSHOKO’—ITITEYE SEHUBA GORE O TLA FENYA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke dilo dife tse di ka diregang re sa lebelela? (Mor 9:11)

  • Thapelo e re thusa jang fa re kopana le diteko?

  • Fa re sa tlhole re kgona go direla Jehofa mo go oketsegileng, goreng re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go se re kgonang go se dira gone jaanong?

  • Leba kwa mokgeleng

    Ke eng se se go thusang gore o tlhomamisege gore o tlile go fenya?