Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—O ka Emisa Jang go Ithuta Baebele le Batho Ba ba Sa Gateleng Pele?

Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—O ka Emisa Jang go Ithuta Baebele le Batho Ba ba Sa Gateleng Pele?

GORENG GO LE BOTLHOKWA: Batho ba tshwanetse go bitsa leina la ga Jehofa gore ba bolokwe. (Bar 10:13, 14) Mme ga se gore mongwe le mongwe yo re ithutang Baebele le ene o tla tshela ka melao ya ga Jehofa. Re dirisa nako ya rona ka botlhale mo bodireding go thusa batho ba ba batlang go itumedisa Jehofa. Fa motho yo re ithutang Baebele le ene a sa gatele pele morago ga nako e e rileng, re emisa thuto ka botlhale mme re dirisa nako eo go batla batho ba Jehofa a ba gogelang mo go ene le mo phuthegong ya gagwe. (Joh 6:44) Mme fa nako e ntse e ya motho yoo a bo a bontsha gore o na le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng,” re tla boa re ithuta le ene gape.—Dit 13:48.

SE O KA SE DIRANG:

  • Mo akgolele go bo a batla go ithuta ka Jehofa.—1Ti 2:4

  • Mmontshe botlhokwa jwa go dirisa dilo tse a di ithutang. —Luk 6:46-49

  • Tlotla le ene ka setshwantsho sa ga Jesu sa mojadi o bo o mmotsa gore o akanya gore ke eng se se mo dirang gore a se ka a gatela pele.—Mat 13:18-23

  • Mo tlhalosetse gore ke eng o batla go emisa thuto ya Baebele mme o dire jalo ka botlhale

  • Mmolelele gore o tla nna o tla go mo tlhola le go mo kgothatsa le gore lo tla tswelela ka thuto ya Baebele fa a bontsha gore o batla go gatela pele

LEBANG BIDIO LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke eng se o se ithutileng mo bidiong eno se se go bontshang gore moithuti yono o ne a sa gatele pele?

  • Mmoledi o ile a thusa jang moithuti yono gore a bone gore o tlhoka go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe?

  • Mmoledi o ile a dirang go bontsha moithuti yono gore ba ka tswelela go ithuta Baebele gape mo nakong e e tlang?