Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

A o Bona Dinonofo Tsa Modimo mo Popong ya Gagwe?

A o Bona Dinonofo Tsa Modimo mo Popong ya Gagwe?

Ke eng se o se ithutang ka Mmopi fa o bona malomo [kgotsa dithunya] a mebalabala, loapi lo lo tletseng dinaledi le metsi a mantsi a a elelang mo dithabeng? Re kgona go bona dinonofo tsa ga Jehofa mo dilong tse a di bopileng. (Bar 1:20) Fa re ipha nako ya go leba dilo tse Modimo a di bopileng, re kgona go bona gore o na le maatla, o lorato, o botlhale, o rata tshiamiso e bile o rata go aba.—Pes 104:24.

Ke dilo dife tse Jehofa a di bopileng tse o di bonang letsatsi le letsatsi? Tota le fa o nna mo toropong, dinonyane le ditlhare ke dilo tse batho ba bantsi ba di bonang letsatsi le letsatsi. Fa re leba ka kelotlhoko dilo tse Jehofa a di bopileng go tla re thusa gore re se ka ra tshwenyega, re se ka ra akanya thata ka mathata a rona le gore re tshepe Jehofa gore o tla re tlhokomela. (Mat 6:25-32) Thusa bana ba gago gore ba kgone go bona dinonofo tsa ga Jehofa. Fa re ipha nako ya go leba dilo tse Mmopi wa rona a di bopileng, re tla atamalana thata le ene.—Pes 8:3, 4.

LEBANG BIDIO YA POPO E BAKA MODIMO—LESEDI LE MMALA, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Ke eng se se re thusang gore re kgone go bona mebala e e farologaneng?

  • Ke eng se se dirang gore fa o leba selo o bone mebala e e farologaneng go ikaegile ka gore o se leba o le mo letlhakoreng lefe?

  • Goreng re bona mebala e e farologaneng mo loaping?

  • Ke mebala efe e e go kgatlhang e o e bonang gaufi le mo o nnang gone?

  • Goreng re tshwanetse go ipha nako ya go leba ka kelotlhoko dilo tse Modimo a di bopileng?

Lesedi le mebala di senola eng ka botho jwa ga Jehofa?