Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

February 19-25

PESALEMA 8-10

February 19-25

Pina 2 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. ‘Ke Tla go Baka Jehofa’!

(10 mets.)

Jehofa o re diretse dilo tse di molemo (Ps 8:3-6; w21.08 3 ¶6)

Re itumelela go baka Jehofa ka go bolelela ba bangwe ka ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang (Ps 9:1; w20.05 23 ¶10)

Gape re bontsha gore re baka Jehofa fa re mo opelela ka pelo yotlhe (Ps 9:2; w22.04 7 ¶13)

IPOTSE: ‘Ke eng gape se nka se dirang go baka Jehofa?’

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 8:3​—Mopesalema o ne a kaya eng fa a ne a bua ka menwana ya ga Jehofa? (cl 40 ¶8)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Ps 10:1-18 (th thuto 11)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mong wa ntlo o go bolelela gore ga a dumele mo Modimong. (lmd thuto 5 ntlha 4)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Mo nakong e e fetileng mongwe yo o neng o tlotla le ene o go boleletse gore ga a dumele mo Modimong, mme gone o ikemiseditse go go letla gore o mmontshe bosupi jwa gore go na le Mmopi. (th thuto 7)

6. Puo

(5 mets.) w21.06 6-7 ¶15-18​—Setlhogo: Thusa Motho yo o Ithutang Baebele le Ene Gore a Bake Jehofa. (th thuto 10)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 10

7. O ka Kgona Jang go Rera o Wetse Makgwafo Fa o Se mo Bodireding?

(10 mets.) Motlotlo.

Tsela nngwe e re ka bontshang gore re baka Jehofa ka yone, ke ka go rerela batho ba re kopanang le bone letsatsi le letsatsi. (Ps 35:28) Ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa re tshaba go rera fa re se mo bodireding. Le fa go ntse jalo, fa o ka ithuta go simolola motlotlo le go o tsweletsa o wetse makgwafo, seo se tla dira gore o itumelele go rera le fa o se mo bodireding.

Tshameka BIDIO ya ‘Ikemisetse go Rera Dikgang Tse di Molemo Tsa Kagiso’​—Rerela ba Bangwe. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

Ke eng se o se ithutileng mo bidiong eno, se se ka go thusang gore o kgone go rera le fa o se mo bodireding?

Dintlha tse di latelang di ka go thusa gore o kgone go simolola motlotlo:

  •   Batla ditsela tsa go simolola motlotlo nako le nako fa o ya golo gongwe. Rapela o bo o kopa Jehofa gore a go thuse go kopana le mongwe yo o tla go reetsang

  •   Nna botsalano e bile o bontshe batho ba o kopanang le bone gore o a ba kgatlhegela. Leka go ithuta sengwe ka motho yoo, gore o kgone go mo tlotlela ka sengwe se se ka mo kgatlhang mo Baebeleng

  •   Leka go kopa dinomoro tsa motho yoo fa go siame go dira jalo

  •   O se ka wa kgobega marapo fa motlotlo o fela o ise o rere

  •   Nna o akanya ka motho yo o tlotlileng le ene. Nna o mmontsha gore o a mo kgathalela ka go mo romelela linki ya temana ya Baebele kgotsa setlhogo sengwe mo jw.org

Leka go dira seno: Fa mongwe a go botsa go re, ‘Mafelobeke a tsamaile jang?,’ mmolelele sengwe se o se ithutileng kwa dipokanong kgotsa ka tiro e o e dirang ya go ruta batho Baebele.

8. Dilo Tse Phuthego e Tlhokang go di Ela Tlhoko

(5 mets.)

9. Thuto ya Baebele ya Phuthego

(30 mets.) bt kgao. 6 matseno a karolo 2 le ser. 1-8

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 65 le Thapelo