Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

January 22-28

JOBE 38-39

January 22-28

Pina 11 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. A o Ipha Nako ya go Lebelela Dilo Tse Modimo a di Bopileng?

(10 mets.)

Fa Jehofa a sena go bopa lefatshe, o ile a ipha nako ya go lebelela tiro e a e dirileng (Ge 1:10, 12; Job 38:5, 6; w21.08 9 ¶7)

Baengele ba ile ba ipha nako ya go lebelela dilo tse Modimo a di bopileng (Job 38:7; w20.08 14 ¶2)

Fa re ipha nako ya go lebelela dilo tse Jehofa a di bopileng le go bontsha gore re a di anaanela, seno se tla re thusa go mo tshepa le go feta (Job 38:32-35; w23.03 17 ¶8)

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Job 38:8-10​—E re ka Jehofa e le Moneimolao wa rona, ditemana tseno di re ruta eng ka ene? (it-2-E 222)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Job 39:1-22 (th thuto 5)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(2 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Fa o lemoga gore motho ga a batle go bua le wena, konela motlotlo oo ka tsela e e molemo. (lmd thuto 2 ntlha 3)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(5 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Mo nakong e e fetileng, mong wa ntlo o go boleletse gore o tlhokafaletswe ke motho yo a mo ratang. (lmd thuto 9 ntlha 3)

6. Puo

(5 mets.) lmd dintlha tse di oketsegileng A ntlha 1—Setlhogo: Dilo Tse di Diregang le Tsela e Batho ba Itshwarang ka Yone, di Bontsha Gore go Ise go ye Kae Dilo di Tlile go Fetoga. (th thuto 16)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 111

7. Go Leba Popo go re Thusa go Lemoga Gore ke Eng se se Botlhokwa

(15 mets.) Motlotlo.

Fa Jobe a ne a tlhaselwa ke Satane le ditsala tsa gagwe tse tharo, o ile a simolola go tlhoma mogopolo mo mathateng a gagwe le mo dilong tse di utlwisang botlhoko tse a neng a di bolelelwa.

Bala Jobe 37:14. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

Ke eng se Jobe a ileng a se dira gore a simolole go leba dilo sentle gape?

Fa re ikutlwa e kete ga re kgone go itshokela mathata a re lebaneng le one, go leba popo go ka re gopotsa kafa Jehofa a leng mogolo ka gone. Gape go ka re tlhotlheletsa gore re tswelele re ikanyega mo go ene le go tshepa gore o tla re tlhokomela.​—Mat 6:26.

Tshameka BIDIO ya Dithuto Tse di Tswang mo Bukeng ya Jobe​—Tsela e Diphologolo di Bopilweng ka Yone. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

Bidio eno e ile ya nonotsha jang tumelo ya gago mo go Jehofa?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 min.) | Pina 54 le Thapelo