Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

January 8-14

JOBE 34-35

January 8-14

Pina 30 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Fa go Lebega e Kete Dilo Tse di Bosula di Diragalela Batho ba ba Molemo

(10 mets.)

Gopola gore Jehofa ga se ene a dirang gore batho ba diragalelwe ke dilo tse di bosula (Job 34:10; wp19.1 8 ¶2)

Go ka lebega e kete batho ba ba bosula ga ba otlhaelwe dilo tse ba di dirang mme gone ga ba kgone go iphitlhela Jehofa (Job 34:21-26; w17.04 10 ¶5)

Tsela e e molemo e re ka thusang batho ba ba sa tshwarweng sentle ka yone ke ka go ba ruta ka Jehofa (Job 35:9, 10; Mat 28:19, 20; w21.05 7 ¶19-20)

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Job 35:7​—Elihu o ne a kaya eng fa a ne a botsa Jobe go re: “Ke eng se [Modimo] a se amogelang mo go wena?” (w17.04 29 ¶3)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Kopa go ithuta Baebele le mong wa ntlo. (lmd thuto 10 ntlha 3)

5. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(4 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Thusa motho yo o nang le bana ba bannye go bona tshedimosetso e e ka thusang batsadi mo jw.org. (lmd thuto 1 ntlha 4)

6. Fa o Dira Barutwa

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 58

7. A o Ikemiseditse go “Rera Lefoko” Le fa O se Mo Bodireding?

(15 mets.) Motlotlo.

Paulo o ile a kgothaletsa Timotheo gore a ‘rere lefoko e bile dire jalo ka bonako.’ (2Ti 4:2) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “dira jalo ka bonako”, ka dinako dingwe le ne le dirisiwa fa go buiwa ka lesole le le nnang le le malala a laotswe. Mafoko ao a tlhalosa kafa re ikemiseditseng ka gone go dirisa tshono nngwe le nngwe go rerela batho ba re tlotlang le bone.

Fa re rata Jehofa e bile re lebogela dilo tsotlhe tse a re direlang tsone, seno se tla re tlhotlheletsa gore re bolelele ba bangwe ka botho jwa gagwe.

Bala Pesalema 71:8. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

Ke dilo dife tse di molemo ka Jehofa tse o ka ratang go di bolelela ba bangwe?

Fa re rata ba bangwe, seno se tla re kgothaletsa gore re ba rerele le fa re se mo bodireding.

Tshameka BIDIO ya Bontsi bo ne Jwa Bona Boammaaruri. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  •   Go rera re se mo bodireding go thusitse jang batho ba le bantsi go re ba itse boammaaruri?

  •   Bakaulengwe bano ba ba neng ba tsena kereke pele, ba ile ba solegelwa molemo jang ke go ithuta boammaaruri?

  • Go rata ba bangwe go re thusa jang gore re ba rerele le fa re se mo bodireding?

  • Goreng o akanya gore go rera o se mo bodireding go ka thusa ba bangwe go itse ka Jehofa?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 138 le Thapelo