Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

February 26–March 3

PESALEMA 11-15

February 26–March 3

Pina 139 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Ipone o le Kwa Lefatsheng le Lesha

(10 mets.)

Fa batho ba sa ikobele molao, seo se dira gore go nne le thubakanyo (Ps 11:2, 3; w06 5/15 18 ¶3)

Re ka tshepa gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Jehofa o tlile go fedisa thubakanyo (Ps 11:5; wp16.4 11)

Go nna re akantse ka tsholofetso ya ga Jehofa go tla re thusa gore re nne pelotelele fa re ntse re letetse lefatshe le lesha (Ps 13:5, 6; w17.08 6 ¶15)

LEKA GO DIRA SENO: Bala Esekiele 34:25, o bo o leka go akanya o le mo lefelong le le tlhalosiwang mo temaneng eno.​—kr 236 ¶16.

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Ps 14:1​—Go akanya ka tsela e go buiwang ka yone mo temaneng eno go ka ama Mokeresete jang? (w13 9/15 20 ¶12)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(2 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Laletsa motho yo o buang le ene go tla Segopotsong. (lmd thuto 5 ntlha 3)

5. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(1 mots.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Laletsa mong wa ntlo go tla Segopotsong. (lmd thuto 3 ntlha 4)

6. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(3 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Laletsa mong wa ntlo go tla Segopotsong. (lmd thuto 7 ntlha 4)

7. Fa o Dira Barutwa

(5 mets.) lff thuto 13 le karolo ya “O Ithutile Eng?”, “Poeletso” le ya “Leka go Dira Seno”. Dirisa karolo ya “Dintlha Tse Dingwe” go thusa motho yo o ithutang le ene go tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka bodumedi jwa maaka. (th thuto 12)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 8

8. “Botlhale bo Botoka Go na Le Dibetsa Tsa Ntwa”

(10 mets.) Motlotlo.

Dintwa di nna di oketsega mo lefatsheng lotlhe. Jehofa o a itse gore dintwa tse di leng teng, di dira gore re tshwenyege thata. Gape o a itse gore re tlhoka gore a re sireletse. Mme tsela e a re sireletsang ka yone, ke ka go dirisa Baebele.​—Ps 12:5-7.

Baebele e a re “botlhale bo botoka go na le dibetsa tsa ntwa.” (Mor 9:18) A re boneng kafa melaometheo ya Baebele e ka re thusang ka gone gore re se ka ra amiwa ke dintwa.

  • Mor 4:9, 10​—Tila go nna mo mafelong a a sa sireletsegang o le nosi

  • Dia 22:3​—Ikele tlhoko fa o le mo mafelong a a tlhanaselang

  • Dia 26:17​—O se ka wa itshunya nko mo dilong tse di sa go batleng

  • Dia 17:14​—Fa o bona gore lefelo le o leng mo go lone le kotsi, tswa mo go lone ka bonako. Fa go na le megwanto mo lefelong le le rileng, o se ka wa ya koo

  • Luk 12:15​—O se ka wa tsenya botshelo jwa gago mo kotsing gore o sireletse dithoto tsa gago

Tshameka BIDIO ya Etsa ba ba Nang le Tumelo, e Seng Ba ba Se Nang Tumelo​—Enoke, e Seng Lameke. Go tswa foo, botsa bareetsi potso e e latelang:

Sekao sa ga Enoke se ile sa thusa jang rre wa lelapa gore a dire tshwetso e e siameng ka nako ya fa go ne go na le dintwa?​—Bah 11:5

Ka dinako dingwe Mokeresete a ka bona go le botlhokwa gore a itshireletse le go sireletsa dithoto tsa gagwe. Le fa go le jalo, o tshwanetse go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a se ka a bolaya motho le gore a se ka a nna le molato wa madi.​—Ps 51:14; bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya July 2017.

9. Letsholo la go Laletsa Batho go Tla Segopotsong se Tla Simolola ka Matlhatso, March 2

(5 mets.) Puo. E neelwe ke mogolwane. Umaka dithulaganyo tse di dirilweng tsa puo e e kgethegileng, Segopotso, le tsa tshimo. Gopotsa baboledi gore ba ka tlhopha go tsaya bobulatsela jo bo thusang jwa diura di le 15 ka kgwedi ya March le ya April.

10. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 40 le Thapelo