Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

February 24–March 2

DIANE 2

February 24–March 2

Pina 35 le Thapelo | Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

1. Goreng o Tshwanetse go Tsaya Matsapa fa o Dira Thuto ya Botho?

(10 mets.)

Go bontsha gore o anaanela boammaaruri (Dia 2:3, 4; w22.08 19 ¶16)

Go go thusa gore o dire ditshwetso tse di molemo (Dia 2:5-7; w22.10 19 ¶3-4)

Go nonotsha tumelo ya gago (Dia 2:11, 12; w16.09 23 ¶2-3)

IPOTSE: ‘Nka tokafatsa jang thulaganyo e ke nang le yone ya thuto ya botho?’

2. Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(10 mets.)

  • Dia 2:7​—Jehofa “ke thebe ya ba ba se nang molato” ka tsela efe? (it-1-E 1211 ¶4)

  • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke dintlha dife tse o ka ratang go tlotla ka tsone?

3. Mmalo wa Baebele

(4 mets.) Dia 2:1-22 (th thuto 12)

TLHAGAFALELA BODIREDI

4. Fa o Kopana le Motho Lekgetlo la Ntlha

(4 mets.) GO RERA KA NTLO LE NTLO. Bontsha mong wa ntlo gore a ka bona jang tshedimosetso mo jw.org e e ka thusang banyalani. (lmd thuto 1 ntlha 3)

5. Fa o Dira Maeto a go Boela

(3 mets.) GO RERA O SE MO BODIREDING. Mo neye makasine o o buang ka kgang nngwe e a neng a e kgatlhegela mo nakong e e fetileng. (lmd thuto 9 ntlha 3)

6. Puo

(5 mets.) lmd dintlha tse di oketsegileng A ntlha 8​—Setlhogo: Monna le Mosadi ba Tshwanetse go Tshepana. (th thuto 13)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Pina 96

7. A o Rata go Senka Matlotlo a a Fitlhegileng?

(15 mets.) Motlotlo.

Basha, a lo rata go batla matlotlo a a fitlhegileng? Fa go le jalo, o ka bona matlotlo a a gaisang otlhe mo Baebeleng e leng kitso ya Modimo. (Dia 2:4, 5) O ka bona matlotlo ano ka go ipha nako ya go bala Baebele ka metlha le go dira dipatlisiso ka dipego tse o di balang. Fa o dira jalo o tla itumela e bile o tla ithuta dilo di le dintsi!

  • O ka ipotsa dipotso dife fa o ntse o bala Baebele? (w24.02 32 ¶2-3)

  • O ka dirisa dithulusu dife go bona dikarabo tsa dipotso tse o ipotsang tsone?

Motseletsele wa dibidio tsa Ithute mo Ditsaleng Tsa ga Jehofa o ka go thusa go akanyetsa kwa teng ka se o se balang mo Baebeleng.

Tshameka BIDIO ya Ithute mo Ditsaleng Tsa ga Jehofa​—Abele.

Bala Genesise 4:2-4 le Bahebera 11:4. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang:

  • Abele o ile a bontsha jang gore ke tsala ya ga Jehofa?

  • Abele o ile a nonotsha jang botsala jwa gagwe le Jehofa?

  • O ka nonotsha jang botsala jwa gago le Jehofa?

8. Thuto ya Baebele ya Phuthego

Dintlha Tse di Konelang (3 mets.) | Pina 102 le Thapelo