Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

July 16-22

LUKE 10-11

July 16-22
  • Pina 100 le Thapelo

  • Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

  • Setshwantsho sa Mosamarea yo o Molemo”: (10 mets.)

    • Luk 10:29-32—Moperesiti le Molefi ba paletswe ke go thusa Mojuda yo o neng a tlhasetswe ke dinokwane [Tshameka bidio ya “Tsela e e Tswang Jerusalema e ya Jeriko” e e mo go Luke 10:30 mo nwtsty.] (w02 9/1 16-17 ¶14-15)

    • Luk 10:33-35—Mosamarea mongwe o ile a bontsha Mojuda yono lorato (“Mosamarea mongwe,” “a hapa dintho tsa gagwe, a di tshela leokwane le beine,” “mo ntlong ya baeti”—dintlha tse di mo go Luk 10:33, 34 mo nwtsty)

    • Luk 10:36, 37—Re tshwanetse go bontsha mongwe le mongwe lorato, le fa e le ba lotso lo sele kgotsa ba godile ka tsela e e farologaneng (w98 7/1 31 ¶2)

  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)

    • Luk 10:18—Jesu o ne a raya jang fa a raya barutwa ba gagwe ba ba 70 a re: “Ke ne ka simolola go bona Satane a setse a ole jaaka logadima go tswa kwa legodimong”? (“Ke ne ka simolola go bona Satane a setse a ole jaaka logadima go tswa kwa legodimong”—ntlha e e mo go Luk 10:18 mo nwtsty; w08 3/15 31 ¶11)

    • Luk 11:5-9—Setshwantsho sa monna yo o neng a nna a kopa se re ruta eng ka thapelo? (“Tsala, nkadime dinkgwe di le tharo,” “Tlogela go ntshwenya,” “go mo emelela ka bopelokgale”—dintlha tse di mo go Luk 11:5-9 mo nwtsty)

    • Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?

    • Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?

  • Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Luk 10:1-16

TLHAGAFALELA BODIREDI

  • Loeto Lwa Ntlha: (2 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang motho yo o buang sengwe se batho ba tshimo ya lona ba ratang go se bua fa ba leka go lo thibela go rera.

  • Fa o Boa Lekgetlo la Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Simolola ka go dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. O bo o bontsha gore o ka araba jang motho yo o reng o sa ntse a ja.

  • Bidio Ya fa O Boa Lekgetlo la Bobedi: (5 mets.) Tshameka bidio lo bo lo tlotla ka yone.

BOTSHELO JWA BOKERESETE